LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 9/1 ts. 32
  • Thuso ya Mmatota ya Bahumanegi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso ya Mmatota ya Bahumanegi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 9/1 ts. 32

Thuso ya Mmatota ya Bahumanegi

FA Jesu Keresete Morwa Modimo a ne a le mo lefatsheng, o ne a eletsa thata go thusa batho ba ba humanegileng. Mosupi mongwe yo o neng a bona Jesu a le mo bodireding o ne a bolela jaana: “Difofu di bona gape, le ditlhotsa di a tsamayatsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, mme baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo.” (Mathaio 11:5) Le fa go ntse jalo, go tweng ka dimilione di le dintsintsi tsa batho ba ba humanegileng gompieno? A go na le dikgang dipe tse di molemo tse ba ka di bolelelwang? Ee, go na le molaetsa wa tsholofelo!

Le fa gone gantsi batho ka kakaretso mo lefatsheng ba itlhokomolosa batho ba ba humanegileng ba bo ba ba lebala, Lefoko la Modimo, e leng Baebele, le solofetsa jaana: “Mohumanegi ga a na go lebalelwa ruri, le fa e le tsholofelo ya ba ba pelonolo ga e na go nyelela.” (Pesalema 9:18) Mafoko a a gomotsang ano a tla diragadiwa fa Bogosi jwa Modimo, puso ya mmatota ya kwa legodimong e busa mo boemong jwa mebuso yotlhe ya batho. (Daniele 2:44) Jesu yo e leng Kgosi ya puso eo ya kwa legodimong, o tla “utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:13, 14.

Maemo a botshelo a tla bo a ntse jang fa Keresete a busa mo lefatsheng? Batho ba ba tla bong ba tshela mo pusong ya ga Keresete e e tla bong e busa lefatshe lotlhe ba tla itumelela matsapa a tiro ya bone. Baebele e bolela jaana mo go Mika 4:3, 4: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.” Bogosi jwa Modimo bo tla rarabolola le mathata a bolwetse le loso. (Isaia 25:8) A bo e tla bo e le lefatshe le le farologaneng jang ne! Re ka dumela ditsholofetso tseno tsa Baebele ka gonne di tlhotlheleditswe ke Modimo ka boene.

Mo godimo ga gore Baebele e re neele molaetsa wa tsholofelo, e re thusa go lebana le mathata a re kopanang le one letsatsi le letsatsi, a a jaaka go fenya bothata jwa go inyatsa, jo bo ka tswang bo bakwa ke go humanega. Mokeresete yo o humanegileng o itse go ya ka se a se ithutileng mo Baebeleng gore o botlhokwa mo matlhong a Modimo fela jaaka Mokeresete yo o humileng. Buka ya Baebele ya Jobe e bolela gore Modimo “[ga a] akanyetse motlotlegi go feta motho wa maemo a a kwa tlase, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.” (Jobe 34:19) Modimo o ba rata botlhe ka tsela e e tshwanang.—Ditiro 10:34, 35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela