LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 8/1 ts. 32
  • “Re ne Ra Etelwa ke Batho ba le Babedi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Re ne Ra Etelwa ke Batho ba le Babedi”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 8/1 ts. 32

“Re ne Ra Etelwa ke Batho ba le Babedi”

“GO SETSE go fetile dingwaga tse pedi re hutsafaditswe thata ke go tlhokafalelwa ke mosetsanyana wa rona.” Ao ke mafoko a a simololang lekwalo lengwe le le gatisitsweng mo lokwalodikgannyeng lwa Le Progrès kwa Saint-Étienne, kwa Fora.

“Mélissa o ne a na le dikgwedi di le tharo mme o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo maswe jo bo bidiwang trisomy 18. Kutlobotlhoko e motho a nnang le yone fa a diragaletswe ke bomadimabe jo bo ntseng jalo, jo tota bo sa tshwanelang go direga, ga e fele. Le fa re godisitswe re le Bakatoliki, re ne re tlhola re ipotsa potso eno, ‘Modimo fa o le teng, ke ka ntlha yang fa o letla gore dilo tse di ntseng jaana di direge?’” Go bonala sentle gore mmè yo o kwadileng lekwalo leo o ne a utlwile botlhoko thata e bile a kgobegile marapo. Lekwalo la gagwe le tswelela ka gore:

“Go ise go ye kae morago ga ditiragalo tseno, re ne ra etelwa ke batho ba le babedi. Ke ne ka lemoga ka bonako gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ikaeletse go ba leleka ka tsela e e maitseo, mme matlho a me a ne a gapiwa ke boroutšhara jo ba neng ba bo nnaya. Bo ne bo bua ka lebaka la go bo Modimo a letlelela pogo. Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke ba letle ba tsene gore ke tle ke ba bontshe gore ba phoso. Ke ne ke akanya gore fa go tliwa mo kgannyeng ya go boga, lelapa la rona le ne le bogile ka selekanyo se segolo thata e bile re ne re setse re lapisitswe ke mafoko a a se nang bokao a a tshwanang le, ‘Modimo o mo re neile, mme Modimo o mo tsere.’ Basupi bao ba ne ba nna lobaka lo lo fetang ura go se kae. Ba ne ba ntheetsa ka kutlwelobotlhoko e kgolo, mme fa ba tsamaya ke ne ke ikutlwa ke le botoka thata mo ke neng ka dumela gore ba nketele gape. Seno se diragetse dingwaga tse pedi tse di fetileng. Ga ke ise ke nne Mosupi wa ga Jehofa mme ke simolotse go ithuta Baebele le bone e bile ke nna teng kwa dipokanong tsa bone gantsi ka mo ke kgonang ka teng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela