LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 7/1 ts. 31
  • Bidio e e Amang Basha Maikutlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bidio e e Amang Basha Maikutlo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 7/1 ts. 31

Bidio e e Amang Basha Maikutlo

BASHA ba le bantsi ba ile ba kgothalediwa go sekaseka boitshwaro jwa bone ka kelotlhoko fa ba sena go leba bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends?a Bidio eno e naya kgakololo e e molemo ya Dikwalo, e na le dikarolo tse basha ba Bakeresete ba ntshang maikutlo a bone mo go tsone e bile e na le terama e e tlhotlheletsang e e theilweng mo pegong ya Baebele ya ga Dina. (Genesise, kgaolo 34) Bangwe go tswa kwa Mexico ba ile ba bua jaana malebana le bidio eno.

Martha o bolela jaana: “Bidio eno e ne ya nkama pelo tota. Go lebega e kete e ne e diretswe nna. Ke ne ke akanya gore go lekane gore barutisi ba me le bana ba ke tsenang sekolo le bone ba itse gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ga ke a ka ka supa seo ka go ba rerela. Ke lebogela tshedimosetso yotlhe e Jehofa a re nayang yone, segolobogolo fa e re ama maikutlo thata jaaka bidio eno.”

Juan Carlos a re: “Bidio eno e dira gore motho a akanye tota. Jaaka mosha, go na le diphoso dingwe tse ke di dirileng mme ke ne ke tshwana le bangwe ba batshameki mo terameng ya bidio eno. Dingwaga di sekae tse di fetileng, ke ne ke tshela botshelo jwa boitimokanyi, mme ke ne ka lemoga gore botshelo jono bo ka nna le diphelelo tse di sa itumediseng. Fa ke sena go leba bidio eno ke ne ka ititaya sehuba gore ke tlile go direla Jehofa ka boikanyegi.”

Sulem o bolela jaana: “Bidio eno e ne ya nkama maikutlo tota fa ke ne ke e lebile. Nakwana pele ga moo, ke ne ke setse ke tlogetse go bala Baebele, e bile ke sa tlhole ke rapela Jehofa go le kalo. Fa ke utlwa dilo tse di neng di buiwa ke basha mo bidiong eno, ke ne ka tlhotlheletsega go simolola go ithuta Baebele gape le go rapela Jehofa.”

Gompieno, basha ba lebana le dikgwetlho di le dintsi mme gantsi ditsala tse ba di tlhophang ke tsone tse di ba tlhotlheletsang gore ba tshele jang. (Pesalema 26:4; Diane 13:20) Bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? e thusa basha ba le bantsi go dira ditshwetso tse di siameng malebana le seno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela