LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 12/1 ts. 32
  • Nako e e Molemo Thata go Tshela mo go Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako e e Molemo Thata go Tshela mo go Yone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 12/1 ts. 32

Nako e e Molemo Thata go Tshela mo go Yone

FA O lebane le mathata, a o tlhologelelwa ‘malatsi a a monate a maloba’? Fa go ntse jalo akanya ka mafoko a ga Kgosi Solomone yo o botlhale: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’ gonne ga o a botsa ka seno ka ntlha ya botlhale.”—Moreri 7:10.

Ke ka ntlha yang fa Solomone a ne a gakolola jaana? Ke ka gonne o ne a itse gore go leba ditiragalo tsa nako e e fetileng ka tsela e e tshwanetseng go thusa motho thata go lebana le mathata a gone jaanong. Ba ba tlhologelelwang “malatsi a a monate a maloba” ba ka nna ba lebala gore malatsi ao le one a ne a na le mathata a mantsi le matshwenyego, le gore tota botshelo ka nako eo bo ne bo na le mathata a jone. Dilo dingwe di ka tswa di ne di le botoka mo nakong e e fetileng, mme tse dingwe di ka tswa di ne di se botoka. Jaaka Solomone a bontsha, ga go botlhale go nnela go akanya thata ka dilo tsa mo nakong e e fetileng, ka gonne go phepafetse gore re ka se busetse nako kwa morago.

A go tlhologelelwa dilo tsa mo nakong e e fetileng thata go ka nna kotsi ka tsela nngwe? Ee, go ka nna kotsi fa go dira gore re se ka ra fetofetoga le maemo a gone jaanong le go a amogela, kgotsa fa go dira gore re se ka ra lemoga gore re tshela mo dinakong dife le gore di re tsholetse eng.

Tota, le fa mathata a lefatshe a ntse a oketsega, eno ke nako e e molemo thata go tshela mo go yone. Ka ntlha yang? Ka gonne re atamela nako ya go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo ka lefatshe le masego a a tla nnang teng mo pusong e e nang le kagiso ya Bogosi jwa gagwe. Baebele e solofetsa jaana: “Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Ka nako eo, fa maemo a tla bo a tokafetse thata jalo, go tla bo go se na ope yo o ka tlhologelelwang “malatsi a a monate a maloba.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela