Rotlhe re Tlhoka Go Akgolwa
E NE e le letsatsi le le monate mo mosetsanyaneng yoo. Le fa ka dinako tse dingwe a ne a tlhoka go kgalemelwa, o ne a itshwere sentle tota mo letsatsing leno. Le fa go ntse jalo, mo bosigong joo, fa mosetsanyana yoo a sena go tsenngwa mo dikobong, mmaagwe o ne a mo utlwa a lela. Fa a mmotsa gore ke eng se se mo tshwentseng, o ne a lela a re: “A ke ne ke sa itshwara sentle gompieno?”
Potso eo e ne ya utlwisa mmaagwe botlhoko thata. O ne a tlhola a le bonako go kgalemela morwadie. Mme jaanong gompieno, le fa a ne a lemogile gore mosetsanyana wa gagwe o ne a lekile go itshwara sentle, o ne a se ka a mo akgola.
Basetsana ba babotlana ga se bone fela ba ba tlhokang go akgolwa le go kgothadiwa. Rotlhe re tlhoka go akgolwa—fela jaaka re tlhoka go newa kgakololo le go kgalemelwa.
Re ikutlwa jang fa re akgolwa go tswa pelong? A seo ga se re itumedise? Go raya gore mongwe o amega ka rona, o a re kgathalela. Go re tlhomamisetsa gore re dirile sengwe se se molemo e bile go re tlhotlheletsa gore re iteke ka natla gape mo nakong e e tlang. Ga go gakgamatse go bo go akgolwa go tswa pelong gantsi go dira gore re ikutlwe re atamelane le motho yo o iphang nako ya go re kgothatsa.—Diane 15:23.
Jesu Keresete o ne a tlhaloganya gore go botlhokwa go akgola ba bangwe. Mo setshwantshong sa ditalenta, mong (yo o emelang Jesu ka boene) o akgola mongwe le mongwe wa batlhanka ba babedi ba ba ikanyegang, a re: “O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le yo o ikanyegang!” Seo se ne se itumedisa tota! Le fa gone ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng e bile ba kgonne go dira dilo tse di sa tshwaneng, ba akgolwa ka go tshwana.—Mathaio 25:19-23.
Ka jalo, a re gakologelweng mmè wa mosetsanyana yoo. Ga go tlhokege gore re emele gore ba bangwe ba lele pele ga re ba akgola. Go na le moo re ka ikemisetsa go batla ditshono tsa go akgola ba bangwe. Tota, re na le lebaka le le utlwalang la go akgola ba bangwe ka pelo yotlhe nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka sa go dira jalo.