Thuto ga e Golelwe
KSENIYA o ne a tsholwa ka 1897. O ne a na le basetsana ba le 3, mosimane a le esi, ditlogolo di le 15 le dikokomane di le 25. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe o ne a dira se batsadi ba gagwe ba mo rutileng go se dira. Le mororo a ile a tla Moscow e le motshabi go tswa kwa Repaboliking ya Abkhaz e e neng e tlhasetswe ke ntwa, e e fa gare ga Lewatle le Lentsho le Caucasus, o ne a kgotsofetse thata ka botshelo jwa gagwe, bogolo jang ka se a neng a re ke tumelo ya gagwe e a e filweng boswa.
Ka 1993, morwadie Kseniya e bong Meri o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Meri o ne a simolola go bua le Kseniya ka Jehofa Modimo le ka Baebele mme o ne a sa batle go reetsa. Kseniya o ne a ntse a bolelela morwadie a re: “Ke setse ke tsofetse thata go ka ithuta sengwe se sesha.”
Le fa go ntse jalo, morwadie e bong Meri; mosadi wa setlogolo sa gagwe e bong Londa; le dikokomane tsa gagwe Nana le Zaza, ba botlhe ba neng ba nna Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tswelela ba ntse ba bua le ene ka Baebele. Maitseboa mangwe ka 1999, ba ne ba balela Kseniya lekwalo le le neng la ama pelo ya gagwe. E ne e le lekwalo le le neng le na le mafoko a a amang maikutlo a ga Jesu a a neng a a bolelela baaposetoloi ba gagwe fa a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Luke 22:19, 20) Mo maitseboeng ao, fa Kseniya a le dingwaga di le 102, o ne a swetsa go simolola go ithuta Baebele.
Kseniya o bolela jaana: “Morago ga gore ke tshele dingwaga di le 102, kgabagare ke tlhaloganya se ke se tshelelang. Gone jaanong ke lemoga gore ga go na sepe se se botoka go gaisa go direla Modimo wa rona Jehofa yo o gakgamatsang le yo o lorato. Ke sa ntse ke le tlhaga e bile ke itekanetse. Ke kgona go bala ke sa tsenya digalase tsa matlho mme ke tlhakatlhakana le ba lelapa la me ka matlhagatlhaga.”
Ka November 5, 2000, Kseniya o ne a kolobediwa. O bolela jaana: “Ke naya Jehofa botshelo jwa me gore ke mo direle ka lorato. Ke tsamaisa dimakasine le dipampitshana ke ntse ke dutse mo boemelabese gaufi le ntlo ya me. Gantsi ba losika ba tla go eta mme ke ba bolelela boammaaruri ka ga Jehofa ka boitumelo.”
Kseniya o lebeletse pele letsatsi le ‘nama ya gagwe e tla shafalang go gaisa nako ya bosha, mme a bo a boela mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.’ (Jobe 33:25) Fa motho wa dingwaga di le lekgolo a sa ikutlwe a tsofetse mo a ka se kang a ithuta ka se botshelo bo se bolelang mo Baebeleng, go tweng ka wena?