LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 3/1 ts. 19
  • ‘Lorato Lwa Rona lo Nonotshitswe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Lorato Lwa Rona lo Nonotshitswe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 3/1 ts. 19

‘Lorato Lwa Rona lo Nonotshitswe’

KA LABOTLHANO, March 31, 2000, Thaba ya Usu kwa Hokkaido, kwa Japane, e ne ya thunya morago ga gore e fetse dingwaga di le 23 e sisibetse. Diketekete tsa baagi di ne tsa tshwanelwa gore di tshabe mo lefelong leo la kotsi. Ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke magae a bone le ditiro tsa bone, mme ka lesego ga go na ope wa bone yo o neng a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe. Gareng ga batho ba ba neng ba tshwanelwa ke go tshaba koo, go ne go le Basupi ba ga Jehofa ba le 46, mme ba ne ba sa tlogelwa ba le bosi.

Ka lone letsatsi le thaba e ileng ya thunya ka lone, ka thuso ya modiredi yo o etang wa Mokeresete wa koo go ne ga rulaganngwa ditiro tsa namolo. Go ise go ye kae, dilwana tsa namolo di ne tsa tla go tswa kwa diphuthegong tse di gaufi. Ka kaelo ya lekala la kwa Japane, go ne ga tlhomiwa komiti ya namolo ka bonako, mme meneelo e e tswang go Basupi ba ga Jehofa go ralala Japane e ne ya thologela mo letloleng la namolo. Badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba romelwa kwa diphuthegong tse di amegileng thata gore ba ye go thusa ka dilo tsa semoya, mme molebedi wa potologo o ne a etela lefelo leo gangwe le gape go ba ema nokeng mo maikutlong le mo semoyeng.

Basupi ba lefelo le le amegileng ba ne ba tswelela go tshwara dipokano tsa Bokeresete ka nako eno e e thata ba dirisa magae a batho mo mafelong a a babalesegileng. Fa taelo ya go tloga mo lefelong le Holo ya Bogosi e leng mo go lone e sena go fedisiwa, bakaulengwe ba ne ba boela teng mme ba fitlhela e sekame, e phatlogile e bile e senyegile. Gaufinyana le Holo ya Bogosi, lepharo la lekgwamolelo le le neng le sa tswa go epega foo le ne le sa ntse le kgwa mosi o mogolo. Basupi ba ne ba ipotsa gore, ‘A go botlhale go tswelela re tshwarela dipokano mo lefelong leno? A Holo ya Bogosi e ka baakanngwa?’

Go ne ga dirwa tshwetso ya gore go agiwe Holo e ntšha ya Bogosi mo lefelong le le babalesegileng fa gautshwane. Komiti ya Kago ya Kgaolo e ne ya thusa ka tse di tlhokegang. Madi a a neng a ntshitswe moneelo ke Basupi go ralala naga a ne a dirisediwa tiro eno ya go aga. Go ne ga bonwa setsha ka bonako mme ka ntlha ya thuso ya baithaopi ba le bantsi, Holo e ntšha ya Bogosi e ne ya wediwa mo nakong e khutshwane. Ka Sontaga, July 23, 2000, go ne ga tla batho ba le 75 mo pokanong ya ntlha e e neng ya tshwarelwa mo Holong ya Bogosi e e sa tswang go agiwa. Batho ba le bantsi mo go ba ba neng ba le teng ba ne ba tsholola dikeledi ka ntlha ya boitumelo. Fa Holo ya Bogosi e ne e kgakolwa ka October mo go one ngwaga oo, mongwe wa bagolwane ba phuthego ya lefelo leo o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Go thunya ga thaba go ile ga baka mathata le pogo. Le fa go ntse jalo, kago eno e dirile gore poifo ya rona e fetoge boipelo. Lorato lwa rona mo go Jehofa le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ba rategang lo nonotshitswe!”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Eruption of Mount Usu: AP Photo/Koji Sasahara

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela