LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 3/1 ts. 32
  • “Go ka Direga Gore o Utlwe Botlhoko”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go ka Direga Gore o Utlwe Botlhoko”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 3/1 ts. 32

“Go ka Direga Gore o Utlwe Botlhoko”

A O KILE wa utlwa mafoko ao? Gongwe ngaka kana mooki o ne a go raya jalo pele a go naya kalafi e e laetsweng.

O ka tswa o ile wa se ka wa gana go tsaya kalafi eo e le fela gore o tile botlhoko. Go na le moo, o ile wa itshokela botlhoko gore o tle o kgone go solegelwa molemo mo nakong e e tlang ka go nna le botsogo jo bontle. Mo maemong a a sa tlwaelegang go amogela kana go gana kalafi e e botlhoko e ka nna kgang e e amang botshelo le loso.

Le mororo e se ka metlha re tlhokang go bona ngaka, rotlhe jaaka batho ba ba sa itekanelang ga re kgone go tshela kwantle ga kotlhao, go kgalemelwa, tota le fa ka dinako tse dingwe e ka tswa e le botlhoko. (Jeremia 10:23) Fa Baebele e gatelela botlhokwa jwa seno malebana le bana, e bolela jaana: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane; thupa ya kotlhao ke yone e e tla bo tlosetsang kgakala le ene.”—Diane 22:15.

Thupa ya kotlhao, mo kgannyeng eno, e tshwantshetsa taolo ya motsadi. Ke boammaaruri gore bana ba le bantsi ga ba rate kotlhao. Fa kotlhao e akaretsa go otlhaiwa ka tsela nngwe, ga ba e amogele. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba botlhale le ba ba lorato ga ba lebe kutlobotlhoko ya ngwana fela mme ba akanya ka kafa kgabagare a tla solegelwang molemo ka teng. Batsadi ba Bakeresete ba a itse gore Lefoko la Modimo le boammaaruri fa le re: “Ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.”—Bahebera 12:11; Diane 13:24.

Ke boammaaruri gore, ga se bana fela ba ba tlhokang kotlhao. Bagolo le bone ba a e tlhoka. Baebele e bua le bagolo fa e re: “Tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.” (Diane 4:13) Ee, batho ba ba botlhale—basha le bagolo—ba tla amogela kotlhao e e theilweng mo Lefokong la Modimo, Baebele, ka gonne fa ba dira jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ba tla boloka botshelo jwa bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela