LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 10/1 ts. 32
  • Thuto go Tswa mo Setlhareng sa Mokolane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto go Tswa mo Setlhareng sa Mokolane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 10/1 ts. 32

Thuto go Tswa mo Setlhareng sa Mokolane

“POPEGO ya bontle jo bo gakgamatsang.” Ke kafa saetlopedia ya Baebele e tlhalosang leungo la setlhare sa mokolane sa ditatlele ka teng. Mo motlheng wa Baebele le wa gompieno, ditlhare tsa mokolane tsa maungo a ditatlele di kgabisitse mokgatšha wa Nile wa kwa Egepeto, e bile di dira moriti o o lapolosang mo karolwaneng e e nonneng ya Sekaka sa Negeb.

Jaaka mefuta e mentsi ya ditlhare tsa mokolane, setlhare sa mokolane sa maungo a ditatlele se tlhamaletse ka tsela e e gakgamatsang. Dingwe tsa tsone di fitlhelela boleele jwa dimetara di le 30 mme di tswelela di ungwa maungo ka dingwaga di le 150. Ee, setlhare sa mokolane sa maungo a ditatlele se sentle thata e bile se ungwa ka tsela e e gakgamatsang. Ngwaga mongwe le mongwe se ungwa dingata di le dintsi tsa ditatlele. Ngata e le nngwe e ka nna le ditatlele tse di fetang 1000. Moitse mongwe o ne a kwala jaana malebana le ditatlele: “Mo go ba ba . . . itseng fela ditatlele tse di setseng di omisitswe tse di rekisiwang mo mabenkeleng, ga ba itse gore di monate jang fa di jewa fela fa di tswa mo setlhareng.”

Go a tshwanela go bo Baebele e tshwantsha batho bangwe le ditlhare tsa mokolane. Gore motho a kgatlhe Modimo, jaaka setlhare se se ungwang sa mokolane, o tshwanetse a bo a na le boitsholo jo bo siameng mme a tswelele go bontsha ditiro tse di molemo. (Mathaio 7:17-20) Ka ntlha ya seno, ditshwantsho tse di gabilweng tsa ditlhare tsa mokolane di ne di dirisiwa go kgabisa tempele ya ga Solomone le tempele ya ponatshegelo ya ga Esekiele. (1 Dikgosi 6:29, 32, 35; Esekiele 40:14-16, 20, 22) Ka jalo, gore kobamelo ya motho e amogelwe ke Modimo, motho o tshwanetse go nna le dinonofo tse dintle jaaka mokolane wa maungo a ditatlele. Lefoko la Modimo le tlhalosa jaana: “Mosiami o tla tlhagisa dithunya jaaka setlhare sa mokolane se dira.”—Pesalema 92:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela