LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 2/1 ts. 32
  • “Phodiso mo Khubung ya Gago”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Phodiso mo Khubung ya Gago”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 2/1 ts. 32

“Phodiso mo Khubung ya Gago”

GO DUMELWA gore bontsi jwa malwetse a batho a bakwa ke mathata a maikutlo a a jaaka poifo, kutlobotlhoko, lefufa, go kgopisega, letlhoo le molato. Ka ntlha ya seno, a bo mafoko a Baebele a a reng ‘go boifa Jehofa’ ke “phodiso mo khubung ya gago le tapologo mo marapong a gago” a gomotsa jang ne!—Diane 3:7, 8.

Marapo ke ditlhomeso tsa mmele. Ka gone, Baebele e dirisa lefoko “marapo” ka tsela ya tshwantshetso go supa motho ka boene—segolobogolo jaaka yo o amiwang ke maikutlo a a boteng. Mme gone go boifa Jehofa ke “phodiso mo khubung ya gago” jang?

Bakanoki ba Baebele ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le go umakiwa ga “khubu” mo temaneng eno. Moakgedi mongwe o bolela gore e re ka “khubu” e le “mo karolong e e fa gare ya mmele” e ka nna ya emela dirwe tsotlhe tse di botlhokwa. Mokanoki yo mongwe ene o akantsha gore lefoko “khubu” le ka nna la bo le kaya mogala wa khubu, jaaka le dirisitswe mo go Esekiele 16:4. Fa e le gore go ntse jalo, Diane 3:8 e ka tswa e gatelela kafa re tlhokang go ikaega ka botlalo ka teng ka Modimo—fela jaaka leseanyana le le iseng le tsholwe le ikaegile gotlhelele ka mmaalone gore a le otle. Mme kgopolo e nngwe ke gore “khubu” fano e ka nna ya kaya mesifa le ditshika tsa mmele. Go ya ka dintlha tse di dikologileng temana eno, e ka tswa e le gore dikarolo tseno di bapisiwa le “marapo”—dikarolo tsa mmele tse di nonofileng thata.

Le fa bokao jo bo maleba e ka tswa e le bofe, re tlhomamisega ka selo seno se le sengwe: Go boifa Jehofa ka tsela e e tshwanetseng ke tsela e e botlhale. Go latela ditekanyetso tsa Modimo go ka thusa gore re itekanele mo mmeleng gone jaanong. Mo godimo ga moo, go ka dira gore Jehofa a re amogele, e leng selo se se tla dirang gore re bone botshelo jo bo sa feleng re na le botsogo jo bo itekanetseng—mo mmeleng le mo maikutlong—mo lefatsheng la gagwe le lesha le le tlang.—Isaia 33:24; Tshenolo 21:4; 22:2.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Dr. G. Moscoso/SPL/Photo Researchers

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela