A Bodumedi bo Tla Tsamaya bo Nna Seoposengwe?
Christian Krause e bong moporesidente wa Lutheran World Federation o ne a bolela jaana: “Letsatsi leno ke le le botlhokwa thata mo hisitoring ya dikereke tsa rona.” Mopapa John Paul II le ene o ne a bua ka “tiragalo e e botlhokwatlhokwa mo tseleng e e seng motlhofo ya go dira gore Bakeresete ba nne seoposengwe gape ka botlalo.”
Selo se se dirileng gore ba bue jaana ka tlhagafalo ke go saeniwa ga Tumalano ya Semolao ka October 31, 1999, kwa Augsburg, kwa Jeremane, go tlhomamisa Maiphako a a Kopanetsweng a a mo go Thuto ya Maipato. Nako le lefelo la tiragalo eno di ne di tlhophilwe sentle. Go bolelwa gore ka October 31, 1517, Martin Luther o ne a kokotela dikakanyotheo tsa gagwe tse 95 mo lebating la kago ya phemelo ya kereke kwa Wittenberg, ka go dira jalo a simolola Diphetogo Tsa Boporotesetanta. Ke boammaaruri gore, Augsburg e ne e le kwa Balutere ba neng ba isa lekwalo la bone la dingongorego teng le le bidiwang Boipolelo Jwa Augsburg ka 1530, le le neng la se ka la amogelwa ke Kereke ya Katoliki, mo go neng ga felela ka gore go nne le go tlhoka kutlwano go go sa feleng gareng ga Bokatoliki le Boporotesetanta.
A Maiphako a a Kopanetsweng a tla nna kgato ya makgaolakgang mo go direng gore go nne le kutlwano mo kerekeng, jaaka go ne ga bolelwa? Ga se makoko otlhe a a neng a na le tsholofelo. Baithutabodumedi ba Baporotesetanta ba feta 250 ba ne ba saena lekwalo la dingongorego le mo go lone ba neng ba bolela fa ba le kgatlhanong le go laolwa ke Kereke ya Katoliki. Baporotesetanta ba ne ba kgopisiwa le ke go bo Kereke ya Katoliki e ne e bolela fa ngwaga wa 2000 e le wa boitshwarelo jo bo kgethegileng, e leng sone selo se se neng sa baka go kgaogana ga bone ga dingwaga di le 500 tse di fetileng. Mme e re ka Boipolelo Jwa Augsburg le go ganediwa ga jone ke Katoliki ka Lekgotla la Trent go sa ntse go le gone, go ka se ka ga nna le kutlwano epe.
Go kgaogana le go sa utlwane ga Labokeresete go setse go butse phatlha e kgolo thata e go saeniwa ga maiphako a a kopanetsweng go ka se kgoneng go e kaba. Mo godimo ga moo, kutlwano mo bodumeding e ikaegile ka dithuto tse di theilweng fela mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. (Baefeso 4:3-6) Kutlwano ya boammaaruri ga e nne gone ka gore lekoko le lengwe le ineele, go na le moo e nna gone fa go ithutiwa go bo go dirwa se Modimo a batlang re se dira. Moporofeti yo o ikanyegang e bong Mika o ne a bolela jaana: “Gonne batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlaa sepela, mongwe le mongwe ka leina la modimo wa gagwe, mme rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”—Mika 4:5.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
© Ralph Orlowski/REUTERS/Archive Photos