“Sekao sa go Nna le Kutlwano”
SEO e ne e le setlhogo se se neng se gatisitswe mo go nngwe ya makwalodikgang kwa Indaiatuba, kwa São Paulo, Brazil. Ke bomang ba ba ileng ba tlhoma sekao seno? Mokwadi o ne a tlhalosa jaana: “Basupi ba ga Jehofa, ba ba ikaeletseng go aga ‘Holo ya Bogosi’ e ntšha, jaaka ba bitsa ditempele kana diholo tsa bone, ba tlhoma sekao se se bonalang sentle sa go dirisana mmogo se se ka se kang sa itlhokomolosiwa.”
Kutlwano e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone e bonala ka dinako tse di ntseng jalo. Ka gone, setlhogo seo se ile sa tlhalosa jaana: “Go a kgatlha go bona baithaopi ba banna, basadi le basha ba dingwaga tsa bolesome ba dira mmogo ka go rata gore ba ikagele lefelo le ba tla kopanelang mo go lone go obamela Modimo.”
Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma sekao se se molemo le mo dilong tse dingwe. Setlhogo seo se ne sa oketsa jaana: “Mo godimo ga go ithuta le go rapela, ba batla go thusa batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa le diokobatsi e bile ba bontsha batho tsela ya go nna le kutlwano le lorato.” Ba kgona seno jang? Basupi ba itse gore go ithuta le go dirisa kgakololo ya Baebele go thusa motho go tlogela dilo tse di bosula. Ke ka lebaka leo ba lekang go ruta ba bangwe se ba se ithutang mo Baebeleng. Setlhogo seo se konela ka go bolela gore “ga go na pelaelo gore go tlhokega thata gore sekao sa bone se latelwe.”
Mongwe le mongwe a ka ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mme ga go na dikoleke dipe tse di tsewang. O lalediwa ka lorato gore o etele Holo ya Bogosi e e leng gaufi le mo o nnang teng.