Fa Tidimalo e Kaya go Dumalana
BUKA ya Betrayal—German Churches and the Holocaust e tlotla ka seabe se bodumedi bo nnileng le sone mo Bonasing e sa fitlhe sepe. Buka eo e bolela jaana: “Go ne go tlwaelegile gore Bakeresete ba tshegetse puso mme bontsi bo ile jwa palelwa ke go nna kgatlhanong le go bogisiwa ga Bajuda. Mo kgannyeng eno, go didimala go kaya mo gontsi.”
Ke eng se se neng sa dira gore batho ba ba ipitsang Bakeresete ba kgatlhegele Bonasi? Buka eo e tlhalosa gore ba le bantsi ba bone ba ne ba tsiediwa ke tsela ya ga Hitler ya “molao le tolamo e a neng a e dirisa mo setšhabeng sa Bajeremane.” E bolela jaana: “O ne a le kgatlhanong le ditshwantsho tse di hepisang, boaka, go senya mpa, bosodoma le ‘bomaswe’ jwa bokgabisi jwa segompieno mme o ne a naya basadi ba ba neng ba nna le bana ba le banè, ba le barataro le ba le robedi dimetlele tsa boronso, selefera le tsa gouta, ka go dira jalo a ba kgothaletsa gore ba nne ba tshegeditse seabe se ba nang le sone mo lelapeng go ya ka setso sa bone. Go tseela setso kwa godimo jaana le go lwela bošetshaba go Hitler a neng a go supa ka nako ya fa setšhaba se sena go nyatsa Kgolagano ya Versailles, go ne ga dira gore Bososialise jwa Setšhaba bo lebege e le selo se se kgatlhang mo bathong ba le bantsi, tota le mo bontsing jwa Bakeresete kwa Jeremane.”
Go na le setlhopha sengwe se se neng se farologane gotlhelele. Buka ya Betrayal e bolela gore “Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gana go nna le seabe mo thubakanyong kana go lwa e le masole mo ntweng.” Mme seno se ne sa dira gore setlhopha se sennye seno se tlhaselwe ka tsela e e setlhogo, mme ba le bantsi ba bone ba ile ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ba neng ba bolela gore ke balatedi ba ga Keresete ga ba a ka ba tsaya kgato. Buka eo e tswelela ka go bolela jaana: “Bakatoliki le Baporotesetanta ka kakaretso ba ne ba itshupa ba le kgatlhanong thata le Basupi ba ga Jehofa go na le gore ba ba utlwele botlhoko, e bile ba ne ba rata thata boikutlo jwa bosetlhogo jwa ga Hitler go na le gore ba nne le boikutlo jwa Basupi jwa go rata kagiso.” Ga go na pelaelo gore go didimala ga bone go ile ga oketsa tsela e e setlhogo e Basupi ba neng ba tshwarwa ka yone mo pusong ya Bonasi.
Le fa go inaakanya ga dikereke le bopolotiki jwa Bonasi e sa ntse e le kgang ya moruthutha, buka ya Betrayal ya re Basupi ba ga Jehofa ke “setlhopha sa bodumedi se se ileng sa gana go buelela kana go tshegetsa puso eo.”