Botlhale Jwa Bomodimo—Bo Bontshiwa Jang?
“BOTLHALE jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a utlwiwe.” Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bua mafoko ano a konela kgang e e malebana le monna yo o humanegileng mme a le botlhale yo o neng a boloka motse otlhe gore o se ka wa senngwa. Ka maswabi, “ope ga a ka a gakologelwa motho yoo wa mohumanegi.”—Moreri 9:14-16.
Batho ba rata go tseela batho ba ba se nang sepe kwa tlase, tota le fa batho ba ba humanegileng bano ba dirile ditiro tse dikgolo. Go ne go ntse jalo ka Jesu. Isaia o ile a porofeta jaana ka ene: “O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko.” (Isaia 53:3) Bangwe ba ne ba nyatsa Jesu fela ka go bo a ne a se na maemo a a kwa godimo a baeteledipele ba motlha wa gagwe ba neng ba na le one. Le fa go ntse jalo, o ne a na le botlhale jo bo gaisang jwa motho ope fela yo o leofileng. Batho ba kwa nagagaeng ya ga Jesu ba ne ba gana go dumela gore “morwa mmetli” yo, a ka nna le botlhale jo bo kana kana le gore a ka dira ditiro tse dikgolo jaana. Le fa go ntse jalo, ka go dira jalo ba ne ba dira phoso e kgolo, ka gonne pego e tswelela pele ka go bolela gore Jesu “o ne a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa maatla koo ka ntlha ya go se nang tumelo ga bone.” A bo batho bao ba ne ba latlhegelwa jang ne!—Mathaio 13:54-58.
E kete rona re ka se ka ra dira phoso eo. Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” Batho ba ba dirang tiro ya Modimo mme ba aba botlhale jwa selegodimo ba tlhaolwa e seng ka maemo a bone mme ka ‘maungo a a molemo’ a ba a bontshang—tumelo ya bone e e theilweng mo Baebeleng le ditiro tsa bone.—Mathaio 7:18-20; 11:19.