Ke Eng fa o Tshwanetse go Itshwarela?
LOKWALODIKGANG lwa kwa Canada lwa The Toronto Star lo ile lwa bega jaana: “Baitsesaense ba simolotse patlisiso e e setseng e bontsha gore go itshwarela go ka tokafatsa maikutlo—mme gongwe le botsogo—jwa motho.” Le fa go ntse jalo, Porofesa Carl Thoresen wa Stanford University kwa U.S.A., yo e leng mmatlisisi yo o eteletseng pele Porojeke ya Boitshwarelo ya Stanford, o bolela gore go na le “batho ba le mmalwa thata ba ba tlhaloganyang gore go itshwarela ke eng le gore go dira jang.”
Boitshwarelo jwa mmatota bo tsewa e le selo se se botlhokwa thata mo Bokereseteng. Pego ya The Toronto Star e bo tlhalosa e le “go lemoga gore o foseditswe, go tlogela go kgopisiwa ke gone mme kgabagare o bo o tshwara motho yo o go foseditseng ka kutlwelobotlhoko le e leng ka lorato tota.” Bo tshwanetse jwa farologanngwa le go mpampetsa, go tlhaetsa matlho kana go ganetsa gore go dirilwe phoso; e bile ga go reye gore o tshwanetse wa dira gore o sotliwe gape. Pego eo e bolela gore selotlolo sa boitshwarelo jwa mmatota ke “go tlogela kgalefo le maikutlo a a sa siamang.”
Babatlisisi ba bolela gore go tlhokega patlisiso e e oketsegileng malebana le melemo ya botsogo ya go itshwarela. Le fa go ntse jalo, gone ba bega gore melemo ya tlhaloganyo, e akaretsa “go sa tlalelwe, go sa tlhobaele le go sa tshwenyege thata mo maikutlong.”
Lebaka le le botlhokwa la go itshwarela le tlhalosiwa mo go Baefeso 4:32 e e bolelang jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.” Fa go tla mo kgannyeng ya go itshwarela, fela jaaka mo dilong tse dingwe, re kgothadiwa gore re nne baetsi ba Modimo.—Baefeso 5:1.
Go gana go itshwarela batho ba bangwe fa go na le lebaka la go ba utlwela botlhoko go ka senya kamano ya rona le Modimo. Jehofa o lebeletse gore re itshwarelane. Go tswa foo re ka rapela gore a re itshwarele.—Mathaio 6:14; Mareko 11:25; 1 Johane 4:11.