LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 6/15 ts. 32
  • Ke Mang Yo o Tla Fedisang Thubakanyo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Tla Fedisang Thubakanyo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 6/15 ts. 32

Ke Mang Yo o Tla Fedisang Thubakanyo?

KA September 1999, Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a amogela baemedi mo thulaganyong ya bo54 ya ngwaga le ngwaga ya Kokoanotheomolao. Jaaka go begilwe go The Toronto Star, o ne a gwetlha baeteledipele ba lefatshe ka go bolela jaana: “Go na le batho ba bantsi ba ba tlhokang se se fetang mafoko a a siameng a kutlwelobotlhoko go tswa mo lekgotleng la ditšhabatšhaba. Ba tlhoka maitlamo a mmatota a a nnelang ruri a gore ba tla thusiwa ka gore go fedisiwe thubakanyo ya ka metlha e ba lebanang nayo mme ba bo ba tsenngwa mo tseleng ya katlego.”

A lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ditšhaba tse e leng maloko a lone di ka kgona go dira gore go nne le “maitlamo a mmatota le a a tla nnelang ruri” a a tlhokegang go fedisa thubakanyo? Mo go yone pego eo ya Star, Poresidente Bill Clinton wa United States o begiwa a bolela jaana: “Morago ga gore go tshololwe madi a mantsi jaana mo lekgolong leno la dingwaga, re a itse gore go motlhofo go bolela gore ‘go ka se tlhole go diragala,’ mme go boima le go feta go dira gore go nne jalo.” O ne a oketsa jaana: “Go solofetsa mo gontsi thata go ka nna setlhogo fela jaaka go se amege gotlhelele.”

Mo dingwageng tse di fetang 2 500 tse di fetileng, moporofeti Jeremia o ne a bolela jaana ka maiteko a batho: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ka gone he, go na le tsholofelo efe kaga go fedisiwa ga thubakanyo?

Jaaka re ile ra bala mo go Isaia 60:18, Modimo o ile a tlhomamisa jaana: “Go thubaka ga go ketla go tlhola go utlwala mo lefatsheng la gago, le fa e le tshwafatso kgotsa tshenyo mo teng ga melelwane ya gago.” Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa la ntlha fa Modimo a ne a busetsa batho ba gagwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa gape kwa nagagaeng ya bone. Bo tla diragadiwa gape ka tsela e kgolwane e re ka e bonang. Jehofa Modimo ga a “solofetse mo gontsi.” E re ka e le ene Mogodimodimo e bile e le Mmopi wa batho, ke ene yo a leng mo boemong jo bo botoka thata jwa go fedisa “thubakanyo ya ka metlha.” Mo Bogosing jwa Modimo, go tla nna le kagiso. Thubakanyo e tla bo e sa tlhole e le gone ka bosakhutleng!—Daniele 2:44.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela