LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 6/1 ts. 32
  • Go Nna O Ikanyega mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna O Ikanyega mo go Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 6/1 ts. 32

Go Nna O Ikanyega mo go Jehofa

LE MORORO boikanyegi e le nonofo e e sa tlwaelegang gompieno, ke nonofo e e tlhaolang batlhanka ba Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Motho yo o ikanyegang o nna a nitame ka nako ya diteko e bile a sa tshikinyege go sa kgathalesege gore go feta nako e e kana kang. Akanya ka Kgosi Hesekia yo o siameng. Baebele e bolela jaana: “Morago ga gagwe ga se ka ga nna le ope yo o tshwanang nae mo dikgosing tsotlhe tsa Juta, le fa e le mo go ba ba neng ba le pele ga gagwe.” Ke eng se se neng se dira gore Hesekia a se tshwane le ba bangwe? O ne a nna a “ngaparela Jehofa,” le fa gone a ne a dikaganyeditswe ke baobamedi ba modimo wa maaka, e bong Moleke. Ee, Hesekia “ga a ka a kgaogana le go [sala Jehofa] morago, a tshegetsa ditaolo tsa gagwe.”—2 Dikgosi 18:1-6.

Moaposetoloi Paulo e ne e le motho yo mongwe yo o neng a nna a ikanyega mo go Jehofa. Pego ya bodiredi jwa gagwe e e kwadilweng mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore Paulo o ne a direla Modimo ka pelo yotlhe ka metlha. Go ya kwa bofelong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, Paulo o ne a ka itlhalosa jaana: “Ke tlhabane tlhabano e e molemomogolo, ke siane tshiano go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 Timotheo 4:7.

A bo Hesekia le Paulo ba re tlhometse sekao se se molemo jang ne sa go ikanyega! E kete re ka etsa tumelo ya bone ka go nna re ikanyega mo Modimong wa rona yo Mogolo e bong Jehofa.—Bahebera 13:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela