O ne A Swela Molaomotheo
“RE GAKOLOGELWA August Dickmann (yo o tshotsweng ka 1910), yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Ao ke mafoko a ntlha a mokwalo o o mo letlapeng la segopotso (le le bontshitsweng fano) le le sa tswang go bulwa bosheng jaana mo go se e neng e le kampa ya pogisetso ya Sachsenhausen. Ke eng fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ka tshwanelwa ke letlapa la segopotso le le ntseng jalo? Mafoko a a latelang a mokwalo ono a tlhalosa kgang yotlhe jaana: “[O] ne a thuntshiwa phatlalatsa ke ba-SS ka September 15, 1939, ka ntlha ya go gana go dira dilo dingwe tse di neng di sa tsamaisane le segakolodi sa gagwe.”
August Dickmann o ne a tswaletswe kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen ka 1937. Malatsi a mararo morago ga gore Ntwa ya Lefatshe II e tlhagoge ka 1939, o ne a laelwa gore a saene foromo ya gagwe ya go ikwadisa jaaka lesole. Fa a gana go dira jalo, molaodi wa kampa o ne a ikgolaganya le Heinrich Himmler, yo e neng e le mookamedi wa ba-SS (Schutzstaffel, molebedi wa maemo a a kwa godimo wa ga Hitler), mme a kopa tetla ya gore a bolaye Dickmann bagolegwa botlhe ba bangwe ba kampa ba le gone. Ka September 17, 1939, The New York Times e ne ya bega jaana go tswa kwa Jeremane: “August Dickmann, wa dingwaga di le 29, . . . o thuntshitswe ke masole a a bolayang.” Lokwalodikgang loo lo ile lwa bolela gore e ne e le ene Mojeremane wa ntlha yo o ileng a gana go dira dilo ka ntlha ya segakolodi sa gagwe mo ntweng eo.
Dingwaga tse masomeamarataro morago ga moo, ka September 18, 1999, loso lwa ga Dickmann lo ile lwa gopolwa ke Brandenburg Memorial Foundation, mme jaanong letlapa la segopotso le gakolola baeti ka bopelokgale le tumelo ya gagwe e e nonofileng. Letlapa la segopotso la bobedi le le mo loboteng lo lo ka fa ntle lwa moago o pele e neng e le kampa le gakolola baeti gore Dickmann e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 900 ba ba ileng ba boga ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang kwa Sachsenhausen. Go na le ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba boga mo dikampeng tse dingwe. Ee, tota le kafa tlase ga maemo a a boitshegang ao mo dikampeng tsa pogisetso, ba le bantsi ba ne ba nna ba ikanyega mo melaometheong ya bomodimo.
Mo Basuping ba ga Jehofa, ke boikarabelo jwa Mokeresete go nna “mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Le fa go ntse jalo, fa mebuso e leka go ba patelela gore ba tlole melao ya Modimo, ba latela sekao sa baaposetoloi ba ga Keresete, ba ba neng ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Ka gone, mo lefatsheng le bobaba jwa ditso le letlhoo la bosetšhaba di ileng tsa baka bosetlhogo jo bo boitshegang mo go lone, Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe, jaaka August Dickmann, ba ile ba batla kagiso. Ba latela kgakololo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa itesa gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Baroma 12:21.