LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 4/15 ts. 32
  • Go Aba go go Botlhokwa mo Matlhong a ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Aba go go Botlhokwa mo Matlhong a ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 4/15 ts. 32

Go Aba go go Botlhokwa mo Matlhong a ga Jehofa

Lekwalo le le latelang le ne la amogelwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mozambique:

“Ke mosimane wa dingwaga di le supa. Ke sa ntse ke le mo sekolong sa poraemari. Ke romela madi ano a ke ileng ka a bona ka go godisa kokwana. Ke ile ka e rekisa ka 12 000 Meticais [R6]. Ke leboga Jehofa go bo a ile a dira gore kokwana ya ntlha e nkileng ka nna le yone e gole go nna mokoko. Ke rata gore mpho ya me e dirisediwe tiro ya Bogosi jwa ga Jehofa.

“Ela tlhoko: Rre o nthusitse go kwala lekwalo leno.”

Batho bangwe ba amanya bopelotshweu le batho ba ba nang le dilo tse dintsi tse di bonalang. Le fa go ntse jalo, fa re bala pego ya Baebele e e buang ka motlholagadi yo o neng a tsenya “madinyana a tshipi a mabedi a tlhotlhwa e nnye fela thata,” re lemoga gore bopelotshweu ga bo lekanngwe ka bontsi, go na le moo bo ikaegile ka boikutlo jo bo siameng jwa pelo.—Luke 21:1-4.

Jehofa o anaanela mpho nngwe le nngwe, le fa e ka tswa e le nnye go le kana kang, fa fela e neelwa ka pelo e e tlhotlhelediwang ke lorato. Mme o segofatsa thata batho ba ba etsang bopelotshweu jwa gagwe ka go neela ka nako ya bone, ka maatla kana ka dilo tsa bone tse di bonalang ka ntlha ya Bogosi jwa gagwe.—Mathaio 6:33; Bahebera 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela