A o Tla Nna Teng mo Tiragalong e e Kgethegileng?
MO LETSATSING lengwe le le sa lebalesegeng dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a dira gore lelapa lengwe le lengwe la Baiseraele le le neng le le mo bokgobeng kwa Egepeto le bolaye konyana kana podi mme le kgatshe madi a yone mo mejakong le mo mephakong ya matlo a bone. Ka jone bosigo joo, moengele wa Modimo o ne a tlolaganya matlo a a tshwailweng ka tsela eno mme a bolaya maitibolo otlhe mo matlong a Baegepeto. Morago ga foo Baiseraele ba ne ba gololwa. Bajuda ba ntse ba keteka Tlolaganyo ka letsatsi la segopotso sa tiragalo eo.
Fela fa Jesu Keresete a sena go keteka Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe, o ne a tlhoma sejo se e neng e tla nna segopotso sa loso lwa gagwe lwa setlhabelo. O ne a naya baaposetoloi ba gagwe senkgwe se se sa bedisiwang mme a re: “Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.” Morago ga moo a ba naya senwelo sa beine mme a re: “Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololwang mo boemong jwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.” Jesu o bile a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Mathaio 26:26-28; Luke 22:19, 20) Ka gone Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba keteke segopotso seno sa loso lwa gagwe.
Monongwaga segopotso sa letsatsi la loso lwa ga Jesu e tla nna ka Laboraro, April 19, fa letsatsi le sena go phirima. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tla phuthega mo bosigong jo bo kgethegileng jono gore ba keteke Segopotso seno ka tsela e Jesu a ileng a laela ka yone. O lalediwa ka lorato gore o kopanele le rona go tla go lebelela kafa le ketekiwang ka teng. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka nako le lefelo le le tshwanelang le go tla kopanelwang mo go lone.