Se a Se Tlhologelelwang ka New York City
LETSHWAO le le fa godimo fano le tshwantshitswe ka tsela e e bonalang sentle mo go nngwe ya dikago tsa feketiri ya Mokgatlho wa Watchtower kwa Brooklyn kwa New York fa e sa le ka bo1950. Batho ba ba dirisang tsela e e fetang teng, bajanala le batho ba bangwe ba ba fetang moo ba gakololwa gore ba bale Baebele letsatsi le letsatsi. Lekwalo le le latelang, le le tswang go mosetsana mongwe wa Mosupi le bontsha kafa kgakololo eno e leng mosola ka teng.
“Ke ne ke ntse ke tlotla le moithutikanna ka se ke batlang go se dira fa ke fetsa sekolo se segolwane. Ke ne ka simolola go bua ka Bethele, e leng ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa mme o ne a simolola go itumela thata. O ne a mpolelela gore o ne a nnile kwa New York City botshelo jwa gagwe jotlhe. Ba lelapa la gaabo e ne e se batho ba ba ratang bodumedi thata mme le fa go ntse jalo moso mongwe le mongwe fa a lebelela ka fensetere, go ne go na le letshwao le le neng le re ‘Bala Lefoko la Modimo Baebele e e Boitshepo Letsatsi le Letsatsi.’ Ka gone, letsatsi le letsatsi o ne a bala Baebele ya gagwe pele ga a ya sekolong.
“Fa ba sena go fuduga kwa toropongkgolo eo, a re selo se le sengwe se a neng a se tlhologelelwa ka New York City ke gore fa a tsoga, ga a sa tlhole a bona letshwao le le mo gakololang go bala Baebele ya gagwe. Mme ka ntlha ya letshwao le le leng mo kagong ya Watchtower, go bala Baebele e ile ya nna tlwaelo, ka jalo o sa ntse a bala Baebele letsatsi le letsatsi!”
Ga go na tsela epe ya go simolola letsatsi e e botoka go gaisa go le simolola ka go bala karolo e rileng ya Lefoko la Modimo! Fa o dira jalo, ga go na pelaelo gore o tla anaanela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Mekwalo e e boitshepo . . . e [kgona] go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e malebang le Keresete Jesu.”—2 Timotheo 3:15-17.