LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 2/1 ts. 32
  • Jehofa o Tla go Gakologelwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Tla go Gakologelwa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 2/1 ts. 32

Jehofa o Tla go Gakologelwa Jang?

“O NKGAKOLOGELWE, Modimo wa me.” Nehemia o ile a ikuela go Modimo ka mafoko ao ka makgetlo a le mantsi. (Nehemia 5:19; 13:14, 31) Go tlwaelegile thata gore fa batho ba le mo mathateng ba retologele go Modimo ba ikuele mo go ene ka mafoko a a ntseng jalo.

Gone mme, batho ba a bo ba akantse ka eng fa ba kopa Modimo gore a ba gakologelwe? Ga go na pelaelo gore ba solofela gore Modimo o tla dira se se fetang go gakologelwa maina a bone fela. Go phepafetse gore ba na le tsholofelo e e tshwanang le ya sengwe sa dikebekwa tse di neng tsa bolawa le Jesu. Sekebekwa seno, ga se a ka sa tshwana le se sengwe, se ne sa kopa Jesu jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” O ne a sa batle fela gore Jesu a gakologelwe gore ke mang mme gape o ne a batla gore a mo direle sengwe—a mo tsose.—Luke 23:42.

Baebele e bontsha gangwe le gape gore mo Modimong, go “gakologelwa” go raya go tsaya kgato e e tlhomameng. Ka sekai, fa lefatshe le sena go khurumediwa ke metsi a morwalela malatsi a le 150, “Modimo wa gopola Noa, . . . . Modimo wa fokisa phefo mo lefatsheng, metsi a kokobela.” (Genesise 8:1) Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Samesone yo Bafilisitia ba neng ba mo gontse matlho e bile ba mmofile ka dikeetane, o ne a rapela jaana: “Jehofa . . . ke a go rapela, a ko o nkgopole, o nthatafatse, ka lobaka lono fela.” Jehofa o ne a gakologelwa Samesone ka go mo naya maatla a a fetang a motho gore a tle a kgone go ipusolosetsa mo babeng ba Modimo. (Baatlhodi 16:28-30) Nehemia ene, Jehofa o ile a segofatsa maiteko a gagwe mme kobamelo ya boammaaruri e ile ya tsosolosiwa kwa Jerusalema.

Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Fa re gakologelwa Jehofa ka go batla go dira go rata ga gagwe, jaaka batlhanka ba gagwe ba ne ba dira mo nakong e e fetileng, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re gakologelwa ka go re thusa gore re nne le dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, ka go re ema nokeng mo ditekong tsa rona le ka go re golola fa a tla go atlhola batho ba ba bosula.—Mathaio 6:33; 2 Petere 2:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela