Ngwaga o o Tlhomologileng wa go Anamisa Dibaebele
GO NA le batho ba ba oketsegileng ba ba nang le Dibaebele go gaisa le fa e le leng pele. Ke se pego nngwe e e tswang go United Bible Societies e se bolelang, ka gonne ka 1998 palo ya Dibaebele tse di anamisitsweng e ile ya tlhatloga ka tse di fetang sephatlo sa milione go feta ngwaga o o fetileng. Fa di kopanngwa tsotlhe, go ile ga anamisiwa Dibaebele tse di fetang 585 000 000 go ralala lefatshe—di feletse kana e le bontlhanngwe fela. Pego eo e bolela jaana: “Seno se a kgothatsa. Go na le batho ba ba oketsegileng ba ba fitlhelelwang ka Lefoko la Modimo gompieno.”
Le gale, go na le pharologano fa gare ga go nna le Baebele le go e bala. Ka sekai, patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore diperesente tse di fetang 90 tsa Baamerika ba na le bobotlana Baebele e le nngwe mme palo e e tshwanang e dumela gore Baebele ke selo se se ka rutang batho boitsholo jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, ke diperesente di le 59 fela tse di ileng tsa bolela gore di leba Baebele go bona kgakololo. Mme diperesente di le 29 di ile tsa dumela gore ga di a “tlwaelana thata” kana ga di a “tlwaelana gotlhelele” le Baebele.
Basupi ba ga Jehofa ga ba gatise le go anamisa Dibaebele fela mme gape ba tshwara dithuto tsa mahala tsa Baebele le batho mo dinageng tse di fetang 230. Go na le dimilione mo lefatsheng lotlhe gone jaanong tse di solegelwang molemo ke thulaganyo eno ya go ithuta Baebele. Ba thusiwa gore ba lebane le mathata a ba nang nao gone jaanong e bile ba ithuta seo Baebele e se bolelang ka isagwe e e itumedisang kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.—Isaia 48:17, 18; Mathaio 6:9, 10.
[Ditshwantsho mo go tsebe 32]
Dithuto tsa magae tsa Baebele kwa (go tloga molemeng kwa godimo go ya mojeng) Bolivia, Ghana, Sri Lanka le Engelane