LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 1/1 ts. 32
  • Fa ‘Diphefo di Tlhabagana le Rona’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa ‘Diphefo di Tlhabagana le Rona’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 1/1 ts. 32

Fa ‘Diphefo di Tlhabagana le Rona’

Fa mokwadi wa Efangele e bong Mareko a tlhalosa tiragalo ya mmatota e e neng ya diragalela barutwa ba ga Jesu fa ba ne ba lwela go kgabaganya Lewatle la Galalea ka mokoro, a re ba ne ba “tshwarisitswe bothata ke go tsamaisa mokoro, gonne phefo e ne e tlhabagana le bone.” Fa Jesu a sa ntse a le mo losing lwa lewatle, o ne a bona bothata jwa bone mme a bo a tsamaya mo godimo ga lewatle ka tsela e e gakgamatsang go fitlha kwa go bone. Fa a palama mokoro le bone, phefo ya kokobela.—Mareko 6:48-51.

Mokwadi ene yono wa Baebele o ne a bega gore nako nngwe pelenyana ga foo, go ne “ga tsoga sefefo se segolo se se bogale.” Ka nako eo, Jesu o ne “a kgala phefo ka bogale . . . , mme phefo ya kokobela, mme ga nna le tshisibalo e kgolo.”—Mareko 4:37-39.

Le mororo rona gompieno re se na tshiamelo ya go bona ditiragalo tse di ntseng jalo tse di gakgamatsang, re ka ithuta go le gontsi mo go tsone. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang ba ba tshelang mo metlheng e e kotsi, le rona re ka tlhagelwa ke mathata a a tshwanang le diphefo. (2 Timotheo 3:1-5) Tota e bile, ka dinako tse dingwe re ka utlwa e kete ditlalelo tsa rona tse di amanang le diteko tsa rona tsa botho di gakala thata jaaka sefefo. Le fa go ntse jalo, thuso e teng! Jesu o re laletsa jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.”—Mathaio 11:28.

Fa go lebega e kete ‘diphefo di tlhabagana le rona,’ re ka bona “tshisibalo e kgolo” mo pelong. Jang? Ka go ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa Modimo tse di ka se kang tsa palelwa.—Bapisa Isaia 55:9-11; Bafilipi 4:5-7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela