LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/1 ts. 32
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Motsadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Motsadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/1 ts. 32

Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Motsadi

GO GODISA bana gompieno, segobologolo ba ba mo dingwageng tsa bolesome, ke kgwetlho e kgolo mo batsading. The Gazette ya Montreal kwa Canada, e bega gore go lekeletsa bojalwa le diokobatsi e setse e le “selo se se tlwaelegileng mo baneng ba dingwaga tsa bolesome.” E gatelela gore batsadi ba na le “boikarabelo jwa go nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba tle ba bone diphetogo mo boitshwarong jwa bana ba [bone] ba dingwaga tsa bolesome.”

Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go se lebelela se se tla supang gore go na le mathata a a ntseng jalo a bosha? Matshwao mangwe a a tlhagisang a mo mmeleng, a maikutlo le kamano le batho ba bangwe a a tlhalositsweng ke American Academy of Child and Adolescent Psychiatry a akaretsa letsapa le le sa feleng, go fetoga ga botho le bogale, go nna nako e telele mo kamoreng e e lotletsweng, go rata go lwa le go dira dilo tse di seng kafa molaong.

Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang mo go lekeletseng dilo tse di kotsi jaana le ditlamorago tsa gone tse di sa itumediseng? Dr. Jeffrey L. Derevensky wa kwa McGill University, o dumela gore go buisana ka kgololesego le go tlhagolela tlotlo go tswa matlhakoreng oomabedi ka nako ya fa ngwana a sa ntse a gola go ka fokotsa mathata moragonyana. The Gazette e oketsa ka gore tota le fa go na le keletso ya go batla go itaola ka nako ya dingwaga tsa bolesome, basha ba sa ntse ba tlhoka “kaelo, kemo nokeng le lorato lwa batsadi ba bone.” Dintlha tseno di gatelela se seane sa Baebele se se bolelang: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” (Diane 22:6) Modimo o gakolola batsadi gore ba nne dikao, ditsala, batho ba ba buisanang, le gone e nne barutisi.—Duteronome 6:6, 7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela