“Ketelo ya me Kwa Holong ya Bogosi”
Laura,a moithuti mongwe wa kholetšhe, o ne a fiwa tiro ya gore a ye kwa tirelong nngwe ya bodumedi mme a kwale pego ka se a se boneng. O ne a tlhopha Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a naya tlhamo ya gagwe setlhogo se se reng “Ketelo ya me Kwa Holong ya Bogosi.” Ke eng se Laura a ileng a se bona se farologane ka Basupi? Gareng ga dilo tse dintsi, o ne a umaka tse di latelang.
Bana: “Bana botlhe ba ne ba le mo phaposing e le nngwe le bagolo. Mo dikerekeng tsotlhe tse ke ileng kwa go tsone, bana ba tlogela batsadi ba bone mme ba tshwanetse go ya Sekolong sa Sontaga.”
Kutlwano ya ditso: “Gantsi dikereke di gogela maloko a lotso kana a morafe o o rileng. . . . Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dutse mmogo botlhe e seng ka ditlhophanyana tse di rileng.”
Moya wa go amogela batho: “Batho ba le bantsi ba ne ba tla go tla go bua le nna. . . . Bangwe ba bile ba mpotsa gore a go na le mongwe yo ke ithutang Baebele le ene. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ikutlwe ke patelediwa. Ba ne . . . ba ntetla gore ke itirele tshwetso.”
Go ne go se na dikoleke: “Selo se se ileng sa nkgakgamatsa tota e ne e le go bo go ne go se na ope yo o neng a tsaya koleke. . . . Dikereke tse nkileng ka ya kwa go tsone di ne di tsaya koleke le e leng mo ditlelaseng tsa bana.”
Go na le diphuthego tse di ka nnang 90 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Ke eng fa o sa etele nngwe e e gaufi le wena?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go dirisitswe leina le sele.