LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/15 ts. 3
  • A Baebele E ka Re Thusa Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baebele E ka Re Thusa Gompieno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka e Basha ba le Bantsi Ba sa E Kgatlhegeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Bala Bibela?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Go Bala Baebele Go ka Go Solegela Molemo Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/15 ts. 3

A Baebele E ka Re Thusa Gompieno?

“FA KE bua ka Baebele yotlhe, ke mo e ka nnang peresente e le 1 fela e go leng molemo go ka e bala, mme karolo e e setseng yotlhe ga e mosola e bile e fetilwe ke nako.” Go ne ga rialo lekawana lengwe. Ba le bantsi ba tla dumalana le ene. Le fa Baebele e sa ntse e le buka e e rekwang thata mo lefatsheng lotlhe, dimilione ga di e tseye tsia e bile ga di a tlwaelana le dithuto tsa yone.

Mo kgatisong ya lone ya Keresemose ya 1996, lokwalodikgang lwa kwa Jeremane lwa Süddeutsche Zeitung lo ile lwa bolela gore babadi ba Baebele “ba nna ba ntse ba fokotsega. Mo motlheng ono wa saense ya tlholego le go ntsifala ga dilo tse e seng tsa bodumedi, dipego tsa Baebele di bonala mo bathong ba le bantsi di sa tlwaelega e bile go le thata go di tlhaloganya.” Dipatlisiso di tlhomamisa gore pego eno e boammaaruri. Dipatlisiso dingwe di bontsha gore bana ba le bantsi ga ba itse le e leng gore Jesu ke mang tota. Mo patlisisong nngwe, mo bathong ba ba ileng ba botsolodiwa, go ne go na le ba ba kwa tlase ga sephatlo ba bone ba ba neng ba kgona go tlhalosa dikgang tsa Baebele tsa morwa sesenyi le Mosamaria yo molemo.

Kgatiso nngwe ya Swiss Evangelical Church ya Reformiertes Forum e bolela gore kwa Switzerland Baebele ga e tlhole e batliwa thata jaaka pele. Tota le batho ba ba nang le Baebele, gantsi e dula fela mo shelofong e sa dirisiwe. Kwa Boritane le teng go a tshwana. Go ya ka patlisiso nngwe, le fa gone bontsi jwa batho ba na le khopi ya Baebele, ba le bantsi ba bone ga ba ke ba e bala le go e bala.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, dimilione go ralala lefatshe ba ikutlwa ka tsela e e farologaneng ka Baebele. Ba e leba e le Lefoko la Modimo mme ba akanya gore e botlhokwa e bile e mosola. Ka jalo, ba e bala ka metlha. Mosadi mongwe yo o sa leng mosha o ne a kwala jaana: “Ke leka go bala kgaolo e le nngwe kana di le pedi tsa Baebele letsatsi lengwe le lengwe. Ke itumelela thata go e bala.” Batho ba ba ntseng jalo ba tsaya tsia thata se Baebele e se rutang, mme ba leka go dirisa kgakololo ya yone mo matshelong a bone. Ba dumela gore Baebele e ka ba thusa mo lefatsheng leno le le tletseng mathata.

Wena o ikutlwa jang? A Baebele ga e na mosola mo motlheng wa gompieno? Kana a e botlhokwa le go nna mosola? A Baebele e ka re thusa gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela