Go Lekalekanya Tiro le Boiketlo
“BOIKETLO ke seaparo se sentle mme se ka se ka sa nna nako e telele fa se aparwa thata.” Mafoko ano a ne a buiwa ke mokwadi mongwe yo o sa itsiweng yo o neng a tlhalosa botlhokwa jwa boiketlo sentle. Le fa go ntse jalo, o bontsha gore bo tshwanetse go lekalekanngwa le tiro e e mosola.
Kgang eno e ile ya umakiwa gape ke mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng e bong Solomone. Kgosi eno e e botlhale e ne ya tlhaola dilo tse pedi tse di feteletseng tse di tshwanetseng go tilwa. Sa ntlha, o ne a re: “Seeleele se ikgona mabogo, se ije nama ya sone.” (Moreri 4:5) Ee, botshwakga bo ka dira gore motho a humanege. Ka tsela eo, go ka dira gore botsogo le e leng botshelo jwa motho yo o setshwakga bo nne mo kotsing. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go na le batho bangwe ba ba ikemiseditseng go latlhegelwa ke sengwe le sengwe ka ntlha ya go dira ka natla. Solomone o tlhalosa go kgaratlha ga bone ka tsela e e se nang mosola a re ke “boithamako le go belebetlela phefo fela.”—Moreri 4:4.
Ka mo go utlwalang, Solomone o ile a akantsha tekatekano: “Go molemo se se lekanyeng legofe fa se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeng diatla di le pedi fa se na le letsapa le go belebetlela phefo fela.” (Moreri 4:6) Motho o tshwanetse go “jesa mowa wa gagwe molemo mo letsapeng la gagwe”—ka mafoko a mangwe, o tshwanetse gore gangwe le gape a itumelele dilo tse a di bereketseng. (Moreri 2:24) Mme go tshwanetse ga nna le dilo tse dingwe mo botshelong kwantle ga tiro ya boitshediso. Re tshwanetse go naya malapa a rona bontlhanngwe jwa nako ya rona. Solomone o ne a gatelela gore boikarabelo jwa rona jo bogolo ke go direla Modimo, e seng tiro ya boitshediso. (Moreri 12:13) A o mongwe wa batho ba ba nang le pono e e lekalekaneng ka tiro?