“Bopelokgale jo bo Tlhotlheleditsweng ke Tumelo”
KA NGWAGA wa 1998 go ne ga gololwa buka e ntšha ka Sefora, e e neng ya amogelwa ka diatla tsoopedi, e e neng e na le setlhogo se se reng Les Témoins de Jéhovah face à Hitler (Basupi ba ga Jehofa ba Lebane le Hitler), e e kwadilweng ke Guy Canonici. Mo ketapeleng ya buka eno mokwalahisitori wa Mofora yo o tlotlegang thata e bong François Bédarida o ne a kwala jaana: “Buka eno e amogelwa thata. E seng fela ka bo go e thiba phatla, mme ke ka go bo e tlile ka nako e e tshwanetseng. . . . Kwantle ga baitse, ke bomang ba bangwe ba ba itseng se se diragaletseng Basupi ba ga Jehofa ka puso ya Third Reich? Le fa go ntse jalo, mo pusong yotlhe ya dingwaga tse 12, ba ne ba bogisiwa setlhogo thata le ka dikgoka. Le bone ba ile ba sotliwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Gape ba ile ba bolaelwa tumelo ya bone. Ke eng fa hisitori e lebetse Bakeresete bano? . . .
“Ke eng fa lekoko le lepotlana leno le le gasagasameng, le le seng kotsi le ile la bogisiwa ka tsela e e setlhogo jaana? Bothata bo tsoga gone fela foo. Ga se fela gore Basupi ba kwa Jeremane ba bopa setlhotshwana se sennye fela sa baagi ba koo—dipalopalo di supa gore ke batho ba ba ka nnang 20 000 fa ba bapisiwa le palogotlhe ya baagi ba le dimilione tse di fetang 60—mme gape botlhe e ne e le baagi ba ba kagiso ba ba neng ba tlotla molao mme ba sa tshosetse ope, ba ba neng ba batla fela go bereka le go godisa bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng. . . .
“Pogiso eno e ne ya fitlha ya thulana le kganetso ya semoya e e sa ineeleng le e e fentseng ya badumedi ba ba neng ba kgona go emelana le maatla a kgatelelo e e tswang kwa ntle ka go dirisa maatla a a kafa teng a tumelo ya bone mo go Jesu Keresete, go tloga fela ka tirisadikgoka ya mapodise a Puso—go ya ntlheng ya gore ba nne bagale le baswelatumelo.”
Kgang ya Basupi ba ga Jehofa ba ba ileng ba boga e le baswelatumelo ya Bokeresete fa ba ne ba gatelelwa mo bodumeding e ne e le maatla. Fa lokwalodikgang lwa maemo a a kwa godimo lwa Katoliki ya Sefora ya La Croix, lo sekaseka buka eo, lo ne lwa oketsa jaana ka kutlobotlhoko: “Mo hisitoring ya bone e go sa itsiweng go le kalo kalo ka yone, Guy Canonici o kgobokantse bosupi jo bontsi jo bo dirang gore motho a sale a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya go bona bopelokgale jo bo tlhotlheleditsweng ke tumelo e e tlhalosiwang ka mafoko a a motlhofo thata, tumelo e e nonofileng thata go fitlha kwa bokhutlong tota le mo baneng. Segopotso seno e tshwanetse ya nna selo se go thewang mo go sone fa go ntse go ganetsanwa ka gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba mofuta mang.”