LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 9/1 ts. 32
  • “Monna yo o Itumetseng wa Mosadi yo o Rategang”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Monna yo o Itumetseng wa Mosadi yo o Rategang”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 9/1 ts. 32

“Monna yo o Itumetseng wa Mosadi yo o Rategang”

GANGWE le gape, batho bangwe ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka tlhamalalo gore ba thuba manyalo. Le fa go ntse jalo, manyalo a le mantsi a a atlegileng a mo go one a le mongwe fela wa banyalani e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a supa gore seno ga se boammaaruri le e seng. Go tsaya tsia kgakololo ya Baebele mo botshelong jwa lelapa go dira gore manyalo a itumele, jaaka lekwalo le le latelang le le gatisitsweng mo lokwalodikganyeng lwa Sefora le bontsha.

“E setse e ka nna dingwaga tse di ka nnang 28 jaanong, ke ntse ke le monna yo o itumetseng wa mosadi yo o rategang yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O godisitse bana ba me ba le batlhano, ba babedi ba bone ga se ba gagwe, a ba tlhokomela ka tsela e e tshwanang le ka lorato lo lo tshwanang. E re ka gone jaanong ke le mokaedi wa khampani ya babereki ba le 45, nka lo tlhomamisetsa gore o nthusitse thata go atlega mo tirong ya me. Ke ka lebaka leo e rile ke bona setlhogo sengwe mo lokwalongdikgang lo ke lo amogelang ka metlha se tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba kotsi mo kgaolong ya Lot-et-Garonne, ke ne ka swetsa gore ke lo neele bosupi jo bo tlhomameng.”

Lekwalo leo le bolela gape jaana: “Ga ba goge kana go tagwa. A ke selo se se tshosetsang? Ke Bakeresete ba ba itshokelang batho ba bangwe ba ba sa pateleleng ope go latela melao e bone ba e latelang. Go na le moo, ba tlhoma sekao mo dilong tse dintsi. . . . Ga ba nne le seabe mo dilong tse di tlhabisang ditlhong tse di amanang le go utswa madi kana go rekisa diokobatsi. Ga ba dire maikano a boitsheko mme ke lo tlhomamisetsa gore, ba tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. . . .

“O ka nna wa mpotsa: Fa go ntse jalo ke eng fa wena ka bowena o se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Ka gonne go tlhokega tumelo ya Bokeresete le maitsholo a a tsepameng mme mo bathong ba le bantsi ga go motlhofo go dira dilo tseno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela