A o A Gakologelwa?
A ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo di go tswetse molemo? Fa go ntse jalo, ke eng fa o sa leke go bona gore o gakologelwa go le kana kang ka dipotso tse di latelang:
◻ Ke dipotso dife tse pedi tse di ileng tsa thusa Bakeresete ba le bantsi go itirela ditshwetso malebana le tiro e ba e tlhophang?
Potso ya ntlha e e botlhokwa ke gore: A tiro eo ya boitshediso ka boyone e a kgalwa mo Baebeleng? Potso ya bobedi ke gore: A go dira tiro eno go tla dira gore motho a kopanele mo tirong e e kgalwang?—4/15, tsebe 28.
◻ ‘Tlhōlō ya batho’ e ne ya bewa jang ‘mo taolong ya bosenangmosola’? (Baroma 8:20)
Re ne ra “bewa mo taolong ya bosenangmosola” ka ntlha ya se batsadi ba rona ba ntlha Adame le Efa ba se dirileng. Ga go a diragala “ka go rata ga [rona]” kana ka ntlha ya se mongwe le mongwe a se itlhophetseng. Re go ruile. Ka bopelotlhomogi, le mororo batsadi ba rona ba ntlha jaanong ba ne ba tla fetisa fela bosaitekanelang, boleo le loso, Jehofa o ne a ba letla gore ba nne le bana. Loso lo ile lwa fetela mo bathong botlhe, mme ka tsela eo Modimo o ne a “[baya tlhōlō] mo taolong ya bosenangmosola.”—5/1, tsebe 5.
◻ Ke eng fa go utlwala go bolela gore mo nakong e e tlang “selo se se ferosang sebete” se tla bo se “eme mo lefelong le le boitshepo”? (Mathaio 24:15)
Bogologolo, ‘selo se se ferosang sebete se se emeng mo lefelong le le boitshepo’ se ne se amanngwa le tlhaselo ya Roma e eteletswe pele ke Mogenerale Gallus ka 66 C.E. Tlhaselo ya segompieno e e tshwanang le eo—go simologa ga “sepitla se segolo”—go sa ntse go tla. (Mathaio 24:21) Ka jalo, “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo” se sa ntse se tla ema mo lefelong le le boitshepo.—5/1, ditsebe 16, 17.
◻ Rre le mmè ba ba dirang ba ka ipha jang nako le bana ba bone?
Mmè yo o ikutlwang a lapile morago ga tiro ya letsatsi a ka nna a kopa bana ba gagwe gore ba mo thuse go apaya dijo. Rre yo o nang le dilo tse dintsi tseo a tshwanetseng go di dira ka mafelobeke a ka nna a dira dingwe tsa ditiro tseo le bana ba gagwe.—5/15, tsebe 6.
◻ Batho ba ba ‘tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa’ ba tshwanetse go dira eng? (Jeremia 7:23)
Go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go batla gore re ikanyege—re ikemisetse go direla ene fela. Go batla gore re mo ikanye—re dumele ka bojotlhe gore ditsholofetso tsa gagwe di a ikanyega e bile di tla diragala. Go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go re batla gore re mo utlwe—re latele melao ya gagwe re sa e fapoge le go boloka ditekanyetso tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo. (Pesalema 11:7)—5/15, tsebe 14.
◻ Ke maikarabelo afe a manè a a botlhokwa a “dimpho ka banna” di ka a diragatsang? (Baefeso 4:8)
Ba ka re tlhamalatsa ka moya wa bori, ba re aga ka lorato, ka go dira gore re nne le kutlwano mo phuthegong, le go re sireletsa ka bopelokgale. (Baefeso 4:12-14)—6/1, tsebe 14.
◻ Re ka ithuta eng ka botsala jwa ga Paulo le batho ba ba ka nnang lekgolo ba ba umakiwang mo go Ditiro le mo makwalong a gagwe?
Re tshwanetse go dira mmogo le phuthego ya Modimo ka metlha, mo phuthegong e re leng mo go yone le badumedikarona. Re tlhoka thuso ya bone, tshegetso ya bone le kgomotso ya bone ka dinako tse di molemo le ka dinako tsa mathata.—6/1, tsebe 31.
◻ Ke mabaka afe a mararo a re ka a dirisang go thusa batho ba bangwe go akanya ka Mmopi?
Manontlhotlho a a bonwang mo lobopong, tsela e botshelo bo nnileng gone ka teng mo lefatsheng, tsela e e ka se kang ya ganediwa e boboko jwa motho bo gakgamatsang ka yone ka dikgono tsa jone tse di farologaneng.—6/15, tsebe 18.
◻ Ke eng fa go le botlhokwa go tlhaloganya se leina la Mmopi le se kayang?
Leina la Modimo le kaya “O Dira Gore go Direge” mme le gatelela gore o a ikaelela a bo a tsaya kgato. Ka go itse leina la gagwe le go le dirisa, re ka kgona go tlhaloganya sentle gore o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe le gore o diragatsa maikaelelo a gagwe ka botlhaga.—6/15, tsebe 21.
◻ Bana ba ka akarediwa jang mo thutong ya lelapa ya Baebele?
Fa go kgonega, rulaganyang gore ngwana mongwe le mongwe a nne le Baebele ya gagwe le kgatiso e e ithutiwang. Go ka nna ga kopiwa ngwana gore a tlhalose setshwantsho se se tlhagang mo kgatisong e e ithutiwang, mme ngwana yo monnye a ka nna a abelwa go sa le gale gore a bale temana e e rileng. Yo mogolwane a ka abelwa go tlhalosa gore ba ka dirisa dintlha tse di ithutiwang ka ditsela dife.—7/1, tsebe 15.
◻ Ke mekgele efe e mengwe e lelapa le ka e akaretsang fa le baakanyetsa dipokano tsa phuthego?
(1) Mongwe le mongwe mo lelapeng a ipaakanyetse go akgela mo dipokanong; (2) mongwe le mongwe a leke go akgela ka mafoko a gagwe; (3) go akaretsa ditemana mo dikakgelong; le (4) go sekaseka dintlha tse di ithutiwang ka maikaelelo a go di dirisa ka namana.—7/1, tsebe 20.
◻ Selotlolo sa lenyalo le le itumedisang ke eng?
Selo se se botlhokwa sa go lotlolola le go ipelela lenyalo le le itumedisang, ke go nna le puisano e e molemo. Seno se bolela go abelana maikutlo le megopolo. Mme puisano e e molemo e akaretsa dilo tse di agang, tse di lapolosang, tse di siameng, tse di tshwanelwang ke pako le tse di gomotsang. (Baefeso 4:29-32; Bafilipi 4:8)—7/15, tsebe 21.
◻ ‘Tsela ya ga Jehofa’ ke eng? (Pesalema 25:8, 9, 12)
Tsela eo ke tsela ya lorato. E ikaegile ka go dira se se siameng go ya ka molao wa Modimo. Baebele ya re lorato lono lo lo laolwang ke melaometheo ke “tsela e e di gaisang tsotlhe.” (1 Bakorintha 12:31)—8/1, tsebe 12.