LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/15 ts. 32
  • “Fa Letswai le Tswapoga”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Fa Letswai le Tswapoga”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/15 ts. 32

“Fa Letswai le Tswapoga”

GO ILE ga nna le dintwa ka ntlha ya lone. Le ile la dirisiwa jaaka kananyo. Kwa China ya bogologolo le ne le gaisiwa fela ke gauta ka botlhokwa jwa lone. Ee, batho ga ba bolo go tsaya letswai e le sedirisiwa se se botlhokwa thata. Go fitlha le gompieno, dilo tse di fodisang le tse di bolayang megare di dirilwe ka lone, mme le dirisiwa mo lefatsheng lotlhe jaaka selo se se natetshang le go sireletsa dilo gore di se ka tsa bola.

E re ka letswai le na le dinonofo tse dintle le melemo e mentsi jaana, ga go gakgamatse go bo le dirisiwa mo Baebeleng ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, mo Molaong wa ga Moshe, go ne go tlhokega gore sengwe le sengwe se se ntshediwang Jehofa setlhabelo mo aletareng se lokiwe ka letswai. (Lefitiko 2:13) Go ne go sa dirwe jalo go natetsha ditlhabelo tseo, mme go bonala e ne e le ka go bo letswai le ne le tshwantshetsa go sa senyege kana go sa bole.

Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana mo Therong ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng: “Lona lo letswai la lefatshe.” (Mathaio 5:13) Ka mafoko ano, Jesu o ne a raya gore go rerela ga bone batho ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo e ne e ka nna ya nna tlhotlheletso e e tla bolokang kana e e bolokang botshelo jwa batho ba ba ba utlwang. Ee, batho ba ba neng ba dirisa mafoko a ga Jesu ba ne ba tla sirelediwa mo go boleng mo boitsholong le mo semoyeng mo go leng teng mo mafelong a ba neng ba direla le go nna mo go one.—1 Petere 4:1-3.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tswelela pele a tlhagisa jaana: “Mme fa letswai le tswapoga, . . . ga le tlhole le ka dirisediwa sepe fa e se go latlhelwa kwa ntle gore le gatakwe ke batho.” Fa mokanoki mongwe wa Baebele e bong Albert Barnes a akgela ka seno, o ne a bolela gore letswai le Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba le itse “le ne le sa itsheka, le ne le tswakantswe le dilo dingwe tse di tswang mo merogong le mo mmung.” Ka jalo fa letswai le ne le ka tswapoga boletswai jwa lone, “go ne go ka nna ga sala metswako e mentsi ya mmu.” Barnes o bolela gore “letswai leno le ne le sa tlhole le le mosola fa e se fela . . . gore le latlhelwe mo mebileng le mo ditselaneng, jaaka re dirisa kerabole.”

Go utlwa tlhagiso eno, Bakeresete ba tshwanetse gore ba tlhokomele gore ba se ka ba emisa go neela bosupi phatlalatsa ga bone kana go boela gape mo mekgweng ya boitsholo jo bo sa siamang. Go seng jalo ba tla senyega mo semoyeng mme ba bo ba sa tlhole ba le mosola jaaka ‘letswai le le tswapogileng.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela