A o Rata Botshelo?
“MMA ke bone lesedi.” Go begiwa fa mafoko ano a ne a buiwa ke mmoki mongwe wa Motadiana e bong Giacomo Leopardi a raya batho ba ba neng ba mo tlhokometse pelenyana ga loso lwa gagwe. Mafoko ano a supa kafa motho a ratang botshelo thata ka gone, jo bo emelwang ke lesedi.
Go rata botshelo ke selo sa tlholego se se botlhokwa se se tlhotlheletsang batho ba le bantsi gore ba tile dikotsi le go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go nna ba ntse ba tshela. Mo go seno, motho ga a farologane thata le diphologolo, tse di nang le keletso ya tlholego e e nonofileng ya go batla go tshela.
Mme ke mofuta ofe wa botshelo o tota re tshwanelwang ke go o tshela le go o rata? Ga se go nna gone fela ka mmele—go hema le go tsamaya. E bile batho ka kakaretso ga ba kgotsofadiwe ke kgopolo ya go dira gore o bone go le gontsi ka mo o ka kgonang ka teng mo botshelong. Filosofi ya ga Epicurus ya gore “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa,” gantsi ga e kgotsofatse batho. (1 Bakorintha 15:32) Le fa gone motho a na le dilo di le mmalwa tsa konokono tsa nama tse a di tlhokang, o na gape le dilo tse di amanang le setso le tsa loago tse a tlhokang go di tlhokomela, re sa bue ka dilo tsa semoya tse a di tlhokang, tse di amanang le go dumela mo Mothong yo Mogolo Thata. Ka maswabi, diketekete tsa dimilione ga di itumelele botshelo ka ntlha ya maemo a loago le a tikologo a a utlwisang botlhoko mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Batho bape ba ba tshelang fela ka go kgotsofatsa dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng—go ja, go nwa, go nna le dithoto kana go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo—re ka re botshelo jwa bone ke jwa sephologolo fela, jo bo sa kgotsofatseng. Tota e bile, ga ba dirise dilo tse di botlhokwa tse ba di bonang mo botshelong go kgotsofatsa keletso ya bone ya go batla go itse le maikutlo a bone. Mo godimo ga moo, le fa e le bomang ba ba batlang go kgotsofatsa fela dikeletso tsa bone tsa boithati ga se fela gore ba palelwa ke go bona dilo tse di molemolemo tsa botshelo mme gape ba senya setšhaba se ba leng mo go sone, mme ga ba rotloetse gore go tlhokomelwe dilo tse di amang batho ba bangwe.
Go tlhomamisa seno, moatlhodi mongwe yo o dirisanang le disenyi tsa batho ba basha o bolela gore go bonala fa “go senyega ga mekgwa e mentle, go tlotlomadiwa ga batho ba ba tsewang e le dikao mme tota e se tsone, le go atlega ka mekgwa ya go ikhumisa ka bonako, e le tsone tse di rotloetsang moya o o feteletseng wa kgaisano.” Seno se tlhotlheletsa boitshwaro jo bo maswe mo setšhabeng le jo bo gobatsang basha, segolobogolo fa ba simolola go dirisa diokobatsi.
O a itse gore go na le dilo tse dintsi tse di kgatlhang mo botshelong—go ya malatsing a boikhutso kwa mafelong a a kgatlhang, go bala sengwe se se kgatlhang kana go dira dipatlisiso ka sengwe se se kgatlhang, ditsala tse di itumedisang, mmino o o monate. Mme go na le dilo tse dingwe, tse dikgolo le tse dinnye, tse di lereng kgotsofalo. Batho ba ba dumelang thata mo Modimong, segolobogolo ba ba dumelang mo Modimong wa Baebele e bong Jehofa, ba na le mabaka a mantsi a go rata botshelo. Tumelo ya mmatota ke selo se se nonotshang le se se ritibatsang mogopolo se se ka thusang batho go lebana le dinako tsa mathata. Batho ba ba dumelang mo Modimong wa boammaaruri ba ka bolela jaana ka tsholofelo: “Jehofa ke mothusi wa me; ruri ga ke na ke boifa.” (Bahebera 13:6) Batho ba ba itseng lorato lwa Modimo ba ikutlwa ba ratwa ke ene. Ba tsibogela lorato lwa gagwe, ba ipedisiwa thata ka lone. (1 Johane 4:7, 8, 16) Ba kgona go tshela botshelo jo bo tlhagafetseng le jo e seng jwa boithati, jo bo kgotsofatsang. Go ntse fela jaaka Jesu Keresete a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.
Ka maswabi, go na le letlhakore le lengwe mo botshelong jwa gone jaanong. Go na le go boga go gontsi, tshiamololo, lehuma, bolwetse le loso—fa re umaka dikarolo dingwe fela tse di utlwisang botlhoko tse di dirang gore botshelo bo se ka jwa nna monate. Kgosi Solomone yo o humileng, yo o maatla le yo o botlhale wa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele o ne a sa tlhoke sepe sa dilo tse di dirang gore batho ba itumele. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se mo tshwenyang—go itse gore fa a swa o ne a tla tshwanela ke go tlogelela mongwe o sele dilo tsotlhe tse a di boneng mo ‘tirong ya letsapa la gagwe,’ e a e dirileng ka “botlhale, kitso le botswerere.”—Moreri 2:17-21.
Jaaka Solomone, batho ba le bantsi ba lemoga kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka teng, bo feta ka bonako thata. Dikwalo di bolela gore Modimo o ‘beile bosenabokhutlo mo megopolong ya rona.’ (Moreri 3:11, Byington) Boikutlo jono jwa bosenangbokhutlo bo tlhotlheletsa batho go akanya ka tsela e botshelo bo leng bokhutshwane ka yone. Kgabagare, motho a ka nna a imelwa ke boikutlo jwa go itlhoboga le jwa go tlhoka mosola fa a sa bone dikarabo tse di mo kgotsofatsang malebana le se botshelo le loso di se kayang. Seno se ka dira gore botshelo bo hutsafatse.
A go na le dikarabo tsa dipotso tse di hutsafatsang tse batho ba di botsang? A go tla tsamaya go nna le maemo a a dirang gore botshelo bo kgatlhise le go nnela ruri?