LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/1 ts. 28-29
  • Go Bidiwa ga Leina la Modimo Kwa Iseraele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bidiwa ga Leina la Modimo Kwa Iseraele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Phoso go Bitsa Leina la Modimo?
    Tsogang!—1999
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Tsela ya go Itse Modimo ka Leina
    Tsogang!—2004
  • A Leina Le Le Tshwanetse Go Dirisiwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/1 ts. 28-29

Go Bidiwa ga Leina la Modimo Kwa Iseraele

KA MAKGOLOKGOLO a dingwaga Tumelo ya Sejuda e ne e iletsa balatedi ba yone gotlhelele go bitsa leina la Modimo e leng Jehofa. Go ya ka Mishnah, ope fela yo o bitsang leina la Modimo a ka se ka a “nna le karolo epe mo lefatsheng le le tlang.”—Sanhedrin 10:1.a

Ka January 30, 1995, mongwe yo pele e neng e le rabi yo mogolo wa Mo-Sephardi wa Iseraele o ne a bitsa leina la Modimo ka boomo. O ne a dira jalo fa a ne a ntse a bua tikkun e leng thapelo ya paakanyo ya Cabala. Thapelo eno e rapelwa gore Modimo a dire gore go boe go nne le kutlwano mo lobopong, kutlwano e go ya ka baobamedi, e ileng ya senngwa ke meya e e bosula. Lokwalodikgang lwa Yedioth Aharonoth lwa February 6, 1995, lo ne lwa bolela jaana: “Ke ngwaokobamelo e e nang le maatla a magolo jaana mo e leng gore mafoko a teng a tlhaga fela mo bukaneng e e kgethegileng e e sa rekisediweng batho botlhe.” Go akanngwa gore go bitsa leina la Modimo mo maemong ano go dira gore kopo eno e nne le maatla a a kgethegileng.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore Baebele e laela batlhanka ba Modimo gore ba dirise leina la Modimo e leng Jehofa. (Ekesodo 3:15; Diane 18:10; Isaia 12:4; Sefania 3:9) Mo mokwalong wa Baebele wa ntlhantlha wa Sehebera, leina leo le tlhaga mo e ka nnang ka makgetlo a le 7 000. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa malebana le go dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa tshwanelang. Molao wa boraro mo Melaong e e Lesome o bolela jaana: “O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela; gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.” (Ekesodo 20:7) Leina la Modimo le ka umakelwa lefela jang? Tlhaloso nngwe e e neelwang ke lekgotla la The Jewish Publication Society e bolela gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “umakela lefela” ga le reye fela go dirisa leina la Modimo “go sa tlhokege” mme gape le akaretsa go “boaboeletsa pako e e sa tlhokegeng.”

Ka jalo he, re tshwanetse go leba jang thapelo ya paakanyo ya tikkun ya Cabala? E simologile kae? Mo lekgolong la bo12 le la bo13 la dingwaga C.E., Bojuda jwa masaitseweng jo bo bidiwang Cabala bo ne jwa simolola go ratiwa thata. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, Isaac Luria, yo e neng e le rabi, o ne a tsenya thuto ya “tikkun” mo ngwaokobamelong ya Cabala. Leina la Modimo le ne le dirisiwa e le pheko ya masaitseweng e e nang le maatla a a kgethegileng mme e ne ya nna karolo ya ngwao ya Cabala. A o akanya gore ke yone tsela e e siameng ya go dirisa leina la Modimo?—Duteronome 18:10-12.

Le fa o ka tswa o araba potso eo jang, o tla dumela gore go bitsa leina la Modimo phatlalatsa kwa Iseraele wa motlha wa segompieno e ne e le selo se se sa tlwaelegang fela thata. Le fa go ntse jalo, Modimo ka boene o ne a bolelela pele jaana: “Mme lo tlaa bua mo letsatsing leo, lo re: ‘Ntshetsang Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe, kakanyang ditirotiro tsa gagwe mo ditšhabeng, umakang, go re, leina la gagwe le goletsegile. Opelelang Jehofa; gonne o dirile dilo tse di gaisang; mo, a go itsiwe mo lefatsheng lotlhe.’”—Isaia 12:4, 5.

Se se itumedisang ke gore, kwa Iseraele, fela jaaka kwa dinageng tse di fetang 230 mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba dira maiteko a magolo go thusa baagelani ba bone go bona kitso e e tlhomameng ka ga Jehofa. Ba solofela gore batho ba ba oketsegileng thata ba tla lemoga bokao jwa dikwalo tse di jaaka Pesalema 91:14: “E re ka a tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna [Jehofa], ke gone ka moo ke tlaa mo gololang; ke tlaa mmaya fa godimo, ka gobo a itsile leina la me.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mishnah ke kgobokanyo ya ditlhaloso tse di tlatseletsang molao wa Dikwalo, e e theilweng mo ditlhalosong tsa borabi ba ba bidiwang Tannaim (barutisi). E ne ya kwalwa kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le mo tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mo Negebe fano, leina la ga Jehofa le Lefoko la gagwe le itsisiwe ke batho ba gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Papatla ya phasalatso e e supang leina la Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela