Botlhale Jwa go ‘Bonela Pele se se Tla Diragalang’
“KE BATHO ba ba latlhileng tsela ya bone ya go akanya sentle mme ga ba tlhaloganye. Fa ba ka bo ba le botlhale, ba ne ba tla tlhaloganya seno mme ba bonele pele se se tla ba diragalelang.”—Duteronome 32:28, 29, Beck.
Mafoko ano a ne a buiwa ke Moshe a a bua le Baiseraele fa ba eme mo molelwaneng wa Naga e e Solofeditsweng. Moshe o ne a bolelela pele ka nako e ba neng ba tla latlha Jehofa mme ba sa akanye thata ka ditlamorago tsa se ba se dirang. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, batho ba Iseraele—go akaretsa le dikgosi tse dintsi—ba ile ba itlhokomolosa ditlhagiso tsa Modimo.
Ka sekai, Solomone o ne a itse taelo ya Modimo e e malebana le gore ba se ka ba nyala baobamedi ba medimo e sele fa e se fela baobamedi ba ga Jehofa. (Duteronome 7:1-4) Le fa go ntse jalo, o ne a nna le “basadi ba le bantsi ba ditšhaba tsa seeng.” Matswela e nnile afe? Pego ya Baebele e bolela jaana: “Ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse.” (1 Dikgosi 11:1, 4) Le mororo Solomone e ne e le monna yo o botlhale, o ne a se ka a akanya sentle go ka ‘bonela pele se se tla diragalang’ fa a ne a ka tlola taelo ya Modimo.
Go tweng ka rona? Re ka tila go ikutlwisa botlhoko thata fa re ka akanyetsa pele sentle ditshwetso tsa botshelo tse re di dirang. Ka sekai, Bakeresete ba kgothadiwa gore ba “[intlafatse] teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya.” (2 Bakorintha 7:1) Go botlhale go dira jalo, mme batho ba le bantsi ga ba kgone go akanya sentle go bonela pele se se ka diragalang fa ba ka itlhokomolosa kgakololo eno ya ga Paulo. Ka sekai, basha ba le bantsi ba kgotlela mebele ya bone ka go goga motsoko, ba akanya gore seno se dira gore ba lebege ba le botlhale e bile e le bagolo. A bo go utlwisa botlhoko jang ne fa moragonyana mo botshelong, bontsi jwa bone ba nna le mathata a pelo, kankere ya makgwafo kana bolwetse jwa go kibana makgwafo ka ntlha ya seo!
Go botlhokwa gore re akanye ka masisi ka ditlamorago tsa ditshwetso tsa rona le dilo tse re di dirang. Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Paulo a ile a kwala jaana: “Lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba; ka gonne yo o jalang malebang le nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalang malebang le moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.”—Bagalatia 6:7, 8.