Thubakanyo—E Tla Tloga e Felela Ruri!
“Thubakanyo e Tshosetsa Setšhaba”—The New York Times, United States.
“Thubakanyo kwa Gae”—O Globo, Brazil.
“Thubakanyo e Tsoma Basadi ba Lefatshe”—The Globe and Mail, Canada.
DITLHOGO tseno tse di tswang mo makwalodikgannyeng kwa Bokone le Borwa jwa Amerika di supa mokgwa o o tshosang go ralala lefatshe. Jaaka fa World Health Organization e ile ya tlhalosa bosheng jaana, “thubakanyo ka mefutafuta e oketsegile thata mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana .”
Akanya ka dipalopalo tse di tshosang tseno:
Dipolao. Kwa Latin America le kwa Caribbean, batho ba ba ka nnang 1 250 ba swa loso lo lo setlhogo letsatsi le letsatsi. Ka ntlha ya seo, “mo sephatlong sa dinaga tsa kgaolo eo, polao ke selo sa bobedi se se kwa pele se se bolayang basha ba dingwaga di le 15 go ya go 24.”
Thubakanyo kgatlhanong le bana. Go sotla bana mo mmeleng, ka tlhakanelodikobo le mo maikutlong ke mathata a a leng teng mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, “dipatlisiso tsa bagolo mo dinageng di le mmalwa tsa intaseteri di akantsha gore 10% go ya go 15% ya bana ba sotliwa ka tlhakanelodikobo—bontsi jwa bone e le basetsana.”
Thubakanyo kgatlhanong le basadi. Morago ga dipatlisiso tse di dirilweng malebana le go gobololwa ga ditshwanelo tsa botho go go dirilweng mo lefatsheng lotlhe ka 1997, babatlisisi ba ne ba swetsa gore “thubakanyo ya legae e nnile nngwe ya dilo tse di kwa setlhoeng tse di bakang kgobalo ya basadi mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe mo lefatsheng.” (Human Rights Watch World Report 1998) Thubakanyo ya legae, jo e leng bothata jo bo anameng thata mme bo sa begiwe thata, jaanong e bidiwa “bothata jo go sa buiweng ka jone jwa lekgolo la bo20 la dingwaga.”—The Globe and Mail, Canada.
Mo metlheng ya ga Noa, lefatshe le ne le “tletse thubakano” fela jaana. (Genesise 6:9-12) Mme le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ne a boloka “moreri wa tshiamo” yoo le ba lelapa la gagwe ba tshedile fa a “tlisa morwalela mo lefatsheng la batho ba e seng ba bomodimo.” Modimo o tla dira se se tshwanang mo motlheng wa rona. O tla boloka “batho ba boineelo jwa bomodimo” fa a fedisa ba ba tletseng thubakanyo le ba ba boikepo mme a dira lefatshe leno paradaise mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng. (2 Petere 2:4-9; 3:11-13) A ga o itumelele go itse gore thubakanyo e tla tloga e felela ruri?