Pego ya Baboledi ba Bogosi
Rera ‘ka Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego’
FA NTWA e ne e ganyaola naga ya Bosnia le Herzegovina, diketekete tsa batho di ne tsa aparelwa ke mathata a magolo. Mo nakong eo ya mathata, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira maiteko a magolo go kgothatsa batho le go ba neela tsholofelo. Dikakgelo tse di latelang ke bontlhanngwe jwa lekwalo le le neng la kwalwa ke Mosupi mongwe yo o neng a fetsa nako a rera kwa Sarajevo.
“Botshelo bo bokete kwano mme gone, batho ba amogela boammaaruri jwa Baebele thata. Basupi ba mono ba tlhoma sekao se se molemo thata mo go bontsheng boitshoko. Ba humanegile, mme gone ba na le moya o montle tota. Mo e batlang e le basha botlhe mo phuthegong ke badiredi ba nako e tletseng. Baboledi ba basha ba kgothadiwa ke tlhagafalo eno, e bile go tlwaelegile gore ba dirise diura tse 60 kana go feta go tloga fela mo kgweding e ba simololang go nna le seabe mo bodireding ka yone.
“Kwantle ga go rera ka ntlo le ntlo, re ile ra leka mekgwa e e farologaneng ya go fitlhelela batho. Ka sekai, re ile ra nna le matswela a a itumedisang ka go abela batho dikgatiso tsa Baebele mo mafelong a mantsi a mabitla a motse.
“Go neetswe bosupi le kwa maokelong. Kwa Lefapheng la Malwetse a Pelo la bookelo jwa Sarajevo, mookamedi wa dingaka o ne a amogela Tsogang! ya December 8, 1996, e e nang le motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka bolwetse jwa pelo. O ile a kopa dikhopi tse dingwe gore a ke a di abele dingaka tse dingwe. Go tswa foo Basupi ba ne ba newa tetla ya go etela balwetse botlhe mo lefapheng la gagwe. Ka jalo, mo lobakeng lo lo fetang ura fela, ke fa go setse go anamisitswe dimakasine di feta 100 mo malaong a teng. Balwetse ba le bantsi ba ile ba re ke la ntlha ba etelwa ke mongwe mo bookelong go tla go ba kgothatsa le go ba naya tsholofelo.
“Nako nngwe Lefapha la Malwetse a Bana le ne la etelwa ka dimakasine tsa ditlhogo tse di tshwanetseng bana. Mookamedi wa dingaka le ene o ne a tseela phaposi ya teng dikhopi di sekae tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Jaanong bommè ba ba etelang bana ba bone kwa bookelong ba kgona go ba balela dipolelo tsa Baebele letsatsi le letsatsi. Gape go ile ga dirwa dithulaganyo tsa gore ngaka eno e etelwe kwa legaeng la yone.
“Kwa Sarajevo go na le diketekete tsa masole a NATO [North Atlantic Treaty Organization] ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng. Bano le bone ba neetswe bosupi ka botlalo. Ka dinako tse dingwe re atamela dikoloi tsotlhe tsa masole re dirisa bukana ya Good News for All Nations le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dipuo tse di farologaneng. Go ile ga tsamaisiwa dimakasine di feta 200 kwa bonnong jwa masole a Italy. Selo se se gakgamatsang ke gore masole a le mantsi a Italy a ile a bolela gore e ne e le la ntlha ba buisana le Basupi ba ga Jehofa. Ee, mono Sarajevo re ile ra ikopanya le bone.
“Letsatsi lengwe koloi ya masole e ne e eme fa thoko ga tsela. Ke ne ka kokota mo koloing eno ka sekhukhu sa me, mme ga tswa lesole mo go yone. Ke ne ka le bontsha Tora ya Tebelo e e nang le setlhogo se segolo se se reng, ‘Barongwa ba Kagiso—Ke Bomang?’ Lesole leno le ne la nteba le bo le mpotsa le re, ‘A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?’ Fa ke sena go mmolelela gore ke ene, o ile a re, ‘Ga ke dumele; le mono lo gone! A go na le lefelo lepe mo lefatsheng le le se nang Basupi?’”
Moaposetoloi Paulo o ile a kgothatsa jaana: “Rera lefoko, dira jalo ka tlhoafalo ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” (2 Timotheo 4:2) Fela jaaka badumedikabone ba lefatshe lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba Sarajevo ba dira jalo, tota le mo malaong a maokelo le mo dikoloing tsa masole!