Leina la Modimo le a Busediwa
“MORAGO ga gore go fete dingwaga tse dintsi gongwe le e leng makgolokgolo a dingwaga leina la ga Jehofa le phimotswe mo Dibaebeleng, basupi ba gagwe ba segompieno ke bone fela bodumedi jwa Bokeresete jo bo tsereng kgato ya go busetsa thaterakeramatone.”a
Mafoko ano a a fa godimo a tswa mo bukeng ya Jeová dentro do Judaísmo e do Cristianismo (Jehofa mo Bojudeng le mo Bokereseteng), e e kwadilweng ke mokwadi wa Brazil e bong Assis Brasil. Mme gone, go ka bodiwa potso eno, Le fa gone dithanolo dingwe tsa Baebele di dirisa leina la Modimo fale le fale, ke eng fa madumedi a mangwe a ile a le phimola mo Dibaebeleng tsa one? Brasil a re: “Go ka direga gore leina la Modimo le ile la phimolwa ka ntlha ya tumelobotlhodi . . . , maikaelelo a a sa siamang, kana ka ntlha ya go batla go tlotlomatsa leina la ga Jesu le mmaagwe, e bong Marea.”
Le fa go ntse jalo, Rre Brasil o ile a tlhalosa sentle fa a re: “Mo Sepotokising, phoso ya go phimola leina [la Modimo] e baakantswe gotlhelele ke New World Translation of the Holy Scriptures.” Jang? Ka gonne mo Baebeleng eno, leina Jehofa le buseditswe mo le neng le tlhaga teng mo tshimologong. Leina Jehofa le tlhaga ka makgetlo a le 7 200 mo New World Translation.
Fa e sa le e gololwa la ntlha, go setse go anamisitswe dikhopi tsa yone tsa thanolo e e tlhamaletseng ka Sepotokisi sa segompieno di feta dimilione tse thataro le sephatlo. Ka ntlha ya seno, mokwaladikgang mongwe wa lokwalodikgang lwa Brazil e bong Diário do Nordeste (Lokwalodikgang Lwa Bokonebotlhaba) o ile a tlhotlheletsega go kwala a botsa jaana: “A o ne o itse gore Modimo o na le leina?” Ka thuso ya thanolo eno ya segompieno ya Baebele, dimilione tsa batho jaanong di kgona go araba ka gore, “Ee. Leina la Modimo ke Jehofa.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ya ka Sehebera, leina la Modimo le kwadiwa jaana יהוה. Ka tlwaelo ditlhaka tseno tse nnè (tse di balwang go tloga kafa mojeng go ya kafa molemeng) di bidiwa gore ke Thaterakeramatone.