Go Lwela Lefelo le le “Boitshepo”
KA July 15, 1099, Botlhabanelotumelo Jwa Ntlha, jo bo eteletsweng pele ke mopapa wa Roma, bo ne jwa fitlhelela mokgele wa jone wa go laola Jerusalema. Kgailo ya teng e ne e tshosa tota! Baagi ba ba neng ba falola e ne e le fela molaodi le batlhokomedi ba gagwe, fa go sena go duelwa madi a mantsi a pipamolomo. Mo bukeng ya gagwe ya The Crusades, moruti mongwe yo o bidiwang Antony Bridge o bega se se neng sa diragalela baagi ba bangwe ba Bamoseleme le ba Bajuda: “E rile Batlhabanelatumelo ba sena go nna le taolo mo motseng, ba ne ba nna le keletso e kgolo ya go tsholola madi. . . . Ba ne ba bolaya monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe yo ba neng ba mo fitlhela mo motseng . . . Fa ba bona gore ga go sa tlhole go na le ope yo ba ka mmolayang, bafenyi bano ba ne ba tsamaya ba le mokoloko mo mebileng ya motse . . . ba ya kwa Kerekeng ya Holy Sepulchre go ya go leboga Modimo.”
Fa e sa le ka nako eo ya phenyo ya batlhabanelatumelo, go nna gone ga Labokeresete kwa Jerusalema go dirile gore go nne le dikgotlhang fa gare ga kereke ya Katoliki ya Roma le ya Orthodox ya Botlhaba le madumedi a mangwe a go tweng ke a Bokeresete. Ka 1850 kgogakgogano e e neng e le gareng ga baeteledipele ba kereke malebana le mafelo a a boitshepo kwa Jerusalema le tikologo ya yone e ne e le kgangkgolo e e neng ya baka Ntwa ya Crimea. Engelane, Fora le Naga ya Ba-Ottoman di ne tsa lwa le Russia mme seo sa dira gore go swe batho ba ba ka nnang sephatlo sa millione.
Ntwa eo ga e a ka ya fedisa go lwela Jerusalema le mafelo a yone a a boitshepo ga dikereke tsa Labokeresete. Ba-Ottoman ba ba neng ba laola naga ka nako eo, ba ne ba leka go tlisa kagiso ka go kgaoganyetsa ditumelo tse di farologaneng mafelo a a boitshepo. Dr. Menashe Har-el mo bukeng ya gagwe ya This Is Jerusalem, o tlhalosa jaana: “Molaomotheo ono o ne wa amogelwa . . . ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka Maitlamo a go Kgaoganya ka November 1947. Ka jalo ke karolo ya molao wa ditšhaba tsotlhe.” Ka ntlha ya seo, Kereke ya Holy Sepulchre e ile ya kgaoganya batho ba kereke ya Katoliki ya Roma, ba Orthodox ya Greece, Ba-Armenia, Basiria le Ba-Copt. Kgabagare, Baethiopia ba ne ba supa fa le bone ba na le karolo mo kerekeng eno ka go dira gore maloko mangwe a nne mo metlaaganeng mo borulelong. Batho ba le bantsi ba tsaya Kereke ya Holy Sepulchre e le lefelo le le boitshepo thata la Labokeresete. E tletse ka mafelo a a boitshepo, ditshwantsho le mekgabiso. Baporotesetanta bangwe ba tlotla lefelo le lengwe le go tweng ke le le boitshepo e leng Gordon’s Calvary, ba re ke lefelo le Jesu a neng a bolaelwa gone a bo a fitlhiwa gone.
Bogologolo Jesu o ne a bolelela mosadi mongwe yo o neng a dumela mo mafelong a a boitshepo jaana: “Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno lefa e le kwa Jerusalema. . . . Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri.” (Johane 4:21-24) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlotle mafelo a a boitshepo. Go senngwa ga Jerusalema yo o sa ikanyegeng ke masole a Baroma ka 70 C.E. ke tlhagiso mo go Labokeresete. Kobamelo ya gagwe ya medimo ya disetwa, dikgaogano tsa gagwe le go nna ga gagwe le molato wa madi go ganetsa maiphako a gagwe a gore ke Mokeresete. Ka jalo, o welwa ke masetlapelo a Modimo a a boleletseng pele gore a tla wela madumedi otlhe a a bopang Babilone o Mogolo.—Tshenolo 18:2-8.