‘Godisa Ngwana ka Thuto’
TSHINGWANA e ntle ga e tlhoke fela gore o gasanye peo mo mmung o bo o boa dikgwedi di sekae moragonyana go tla go roba. E go tlhoka tiro e ntsi ya go lema mmu, go jala peo, go e nosetsa le go tlhokomela dimela gore di gole sentle.
Tiro eno e tshwanela boammaaruri jwa Diane 22:6 sentle, e e reng: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” Ee, gore motsadi a atlege mo go godiseng ngwana, thapiso e botlhokwa thata.
Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno le le letlelelang sengwe le sengwe, batsadi ba le bantsi ba palelwa ke go sekegela kgakololo eno tsebe. Fa ba latela botlhale jwa batho jwa gore bana ba tshwanetse go ithuta go lebana le mathata ka bobone, gantsi bana ba bone ba sala ba tlogetswe fela gore ba itharabololele mathata. Seo se dira gore basha ba nne mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke batho ba ba nang le maitsholo a a maswe.—Diane 13:20.
A bo go le molemo jang ne gore batsadi ba rute bana ba bone melaometheo ya Bokeresete ka go ba thapisa ka tsela e e molemo go tloga ba sa le bannye! Ba le bannye go le kana kang? Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Go tswa boseeng.” Go ne go ntse jalo le ka lekawana Timotheo. Mmaagwe e bong Yunise le mmemogoloagwe e bong Loise ba ne ba tlhatlhelela Timotheo ka “mekwalo e e boitshepo” mo e leng gore o ne a ‘ithuta’ a ba a “tlhotlhelediwa go di dumela.” Matswela e ne ya nna eng? Thapiso e e ntseng jalo e ile ya nna le seabe se segolo mo go mo ‘tlhalefiseng gore a bone poloko.’—2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.
Le gompieno, batsadi ba ba sa “leseng go dira se se molemomogolo” ba tla roba matswela a a molemo fa ba sa “lape.” (Bagalatia 6:9) Kgosi e e botlhale Solomone ya re: “Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata.”—Diane 23:24.