Setlhaketlhake se Sennye Le se Se Kgakala
MATLHAODI a gantsi a dirisiwang go tlhalosa setlhaketlhake sa St. Helena ke “se sennye” le “se se kgakala.” Matlhaodi ao a a tshwanela ka gonne setlhaketlhake seno se boleele jwa dikilometara di le 17 le bophara jwa dikilometara di le 10 mme se bokgakala jwa dikilometara di le 1 950 go tswa mo nageng e e gaufi le sone mo borwabophirima jwa lobopo lwa Afrika. Ke mono mo Napoléon Bonaparte a neng a romelwa teng ka 1815 go tla go fetsa dingwaga tsa gagwe tsa bofelo e le mofaladi yo o fentsweng.
Go tswa mo lewatleng setlhaketlhake seno se lebega e le kago e e thata ya phemelo. Totatota ke lefelo la lekgwamolelo le le sa tlholeng le tuka le le itirang thota go tloga mo lewatleng la Atlantic ka maphago a bogodimo jwa dimetara di le 500 go ya go di le 700. Fa gare ga sone go Thaba ya Actaeon e e bogodimo jwa dimetara di le 818 e e tsereng bontsi jwa naga ya sone. Ka ntlha ya diphefo tsa setlhaketlhake seno tse di tsiditsana tse di tswang kwa Borwa jwa Atlantic tse ka metlha di fokelang ntlheng e le nngwe le ka ntlha ya pheswana ya lewatle, se na le tlelaemete e e monate e e mololo. Mme go tloga ka karolo e e kwa tlase e e fa lobopong go ya kwa gare kwa thabeng, go na le maemo a bosa a a sa tshwaneng e bile go na le dimela tsa mefutafuta.
St. Helena e ntse e le kolone ya Boritane go tloga kwa bofelong jwa lekgolo la bo17 la dingwaga. Baaginyana ba teng ba ba ka nnang 5 000 ke motswako wa dikokomana tsa Bayuropa, Ba-Asia le Baafrika. Go buiwa Seesemane mo setlhaketlhakeng seno sotlhe, mme gone se buiwa ka segalo se se sa tlwaelegang. Ga go na boemafofane teng; tsela fela ya go golagana le mafatshe a mangwe ke ka sekepe, ka mesepele ya ka metlha ya go ya le go tswa kwa Afrika Borwa le Engelane. Tota e bile, se simolotse go nna le kgaso ya thelebishene bosheng fela jaana mo bogareng jwa 1990 ka thuso ya kgokaganyo ya satalaete.
Mo masimologong a bo1930 dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di ne tsa goroga la ntlha mo lobopong lwa teng. (Mathaio 24:14) Go ralala dingwaga baagi ba setlhaketlhake seno ba ile ba amogela letlotlo leno le le gaisang dikhumo tsa dithoto. (Mathaio 6:19, 20) Gompieno, St. Helena e itumelela maemo a a gaisang a dinaga tsotlhe a go nna le palogare ya Mosupi a le 1 mo baaging bangwe le bangwe ba le 31!
[Dimmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
St. Helena
JAMESTOWN
Levelwood
AFRIKA
LEWATLE LA ATLANTIC
St. Helena