Pego ya Baboledi ba Bogosi
Batla Modimo wa Boammaaruri go a Duelwa
MO LEKGOLONG la bolesome la dingwaga B.C.E. puso ya ditso tse pedi ya Juda e ne e tletse ka kobamelo ya maaka. Le fa go ntse jalo, gareng ga kobamelo e ntsi jalo ya medimo ya disetwa, go ne go na le monna mongwe yo pelo ya gagwe e neng e siame mo Modimong. Leina la gagwe e ne e le Jehoshafate. Moporofeti Jehu o ne a bolela jaana ka ga gagwe: “Dilo tse di molemo di fitlhetswe mo go wena, ka . . . o itlhomamisitse pelo go batla Modimo.” (2 Ditirafalo 19:3) Le gompieno, mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,’ batho ba le dimilione ba ‘tlhomamisitse dipelo tsa bone’ go batla Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. (2 Timotheo 3:1-5) Seno se supiwa ke tiragalo eno e e tswang kwa Togo, kwa Afrika Bophirima.
Casimir o ne a tsena sekolo sa Katoliki mme o ile a simolola go ja Selalelo a le dingwaga di le robongwe. Le fa go ntse jalo, fa Casimir a le dingwaga di le 14, o ne a tlogela go ya kerekeng. Seno se ne sa dira gore a nne a tshogile ka gonne o ne a akanya gore go fosa Mmisa go ne go tla dira gore a ye diheleng tsa molelo kana bobotlana a ye pakatoring.
Kwa sekolong Casimir o ne a ikgolaganya le setlhopha sa basha ba ba neng ba ithuta Baebele gangwe ka beke. O ne a bo a simolola go ipalela Baebele ka boene. Mo lekgetlong lengwe Casimir o ne a bala mo bukeng ya Tshenolo ka sebatana se se tshosang se se tlhatlogang se tswa mo lewatleng. (Tshenolo 13:1, 2) Fa a ne a botsa moeteledipele wa setlhopha sa thuto ya Baebele ka seno, o ne a bolelelwa gore sebatana seo ke sa mmatota mme se tla tlhatloga se tswa mo lewatleng. Tlhaloso eno e ne ya tshwenya Casimir ka gonne o ne a sa nne kgakala le lotshitshi lwa Lobopo lwa Atlantic. O ne a dumela gore o tla nna mongwe wa batho ba ntlha ba sebatana se tla ba tlhaselang.
Casimir o ne a simolola go boloka madi gore a tle a tshabele kwa sekakeng kwa bokone gore a tle a tile sebatana. O ne a bolelela moithutimmogo ka maikaelelo a gagwe. E re ka moithuti yono e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a mo tlhomamisetsa gore sebatana seo se se tla tlhatlogang se tswa mo lewatleng ga se sa mmatota. Ka bonako morago ga foo, Casimir o ne a lalediwa go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi. O ne a itumelela dipokano mme a simolola go nna teng ka metlha. Gape o ne a dumela go nna le thuto ya legae ya Baebele.
Fa Casimir a ntse a gatela pele mo thutong ya gagwe, lelapa le ne la simolola go mo ganetsa. Ba lelapa la gaabo ba ne ba obamela bagologolwane e bile ba ja nama e e sa tshololwang madi e e setseng ya ditlhabelo. Fa Casimir a ne a gana ka maitseo go ja nama, o ne a tshosediwa le go bolelelwa gore a tswe mo gae. Casimir o ne a nna a ritibetse mme dilo tse a neng a tshosediwa ka tsone ga di a ka tsa diragadiwa. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dikgwedi di le tharo go jewa fela nama e e ntseng jalo mo lelapeng. Casimir o ne a na le bothata jwa go bona dijo tse di lekaneng, mme le fa go ntse jalo o ne a itshokela seno le mathata a mangwe.
Casimir o ne a nna a gatela pele semoyeng mo e leng gore o ne a ineela a bo a kolobediwa. Moragonyana o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mme a nna teng mo setlhopheng sa bonè sa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi kwa Togo. Gone jaanong, o dira tiro ya boithaopi kwa lekaleng.
Ee, a bo mafoko ano a ga Kgosi Dafide a ile a diragala mo makgetlong a le mantsi jang ne: “Fa o [batla Jehofa], o tlaa bonwa ke wena.”—1 Ditirafalo 28:9.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Casimir (kafa mojeng) o dira tiro ya boithaopi kwa lekaleng