“Lo Itshwara ka Tsela e Modimo a Batlang re Nna ka Yone”
FA BAKERESETE ba dirisana sentle le balaodi ba dipuso “ka ntlha ya Morena,” ba ka lebelela gore ba ‘ba bake gonne e le badiri ba molemo.’ (1 Petere 2:13-15) Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa ba ile ba diragalelwa ke selo se se ntseng jalo nako nngwe fa ba ne ba na le kopano ya kgaolo kwa holong ya kholetšhe nngwe.
Mo letsatsing la ntlha la kopano mapodise a kholetšhe a ne a ipaakanyeditse go tla go lebana le baeng ba ba tshwanang le ba ka metlha ba ba bogale le ba ba tlhogoethata ba ba tleng ba lebane le bone mo dikopanong tse dingwe. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba ise ba ko ba dirisane ka gope le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tlile go gakgamala tota!
Ka tlwaelo mapodise ano a phuruphutsa koloi nngwe le nngwe e e tsenang le e e tswang ka jarata. Ba ne ba gakgamala tota fa ba bona ba dumedisiwa ke baeng ba ba botsalano, ba ba pelotelele le ba ba maitseo le mororo go phuruphutsa ga bone go ne go ba jela nako. Baeng bano ba ne ba se manganga, ba sa ba tlhabe ka mafoko jaaka ba ka gale. Lepodise le lengwe le ile la re: “Ga lo tshwane le baeng ba bangwe, lo boikokobetso e bile lo na le seriti se rotlhe re kgonang go se lemoga.”
Fa mookamedi wa pabalesego a sena go lemoga tirisanommogo e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone, o ile a dira tshwetso ya gore ga go tlhokege gore dikoloi di phuruphudiwe, a re, “ka gonne lo itshwere sentle thata.” Ka gone, dikoloi tse di neng di kgomareditswe letshwao la “JW” di ne tsa letlwa go tsena kwantle ga gore di phuruphudiwe.
Fa kopano e fela mookamedi wa pabalesego o ile a bolela gore o solofela go bona Basupi ba tlile gape mo lobakeng lo lokhutshwane. O ile a re: “Ga re ise re ko re bone batho ba ba itshwereng sentle jaana. Lo itshwara ka tsela e Modimo a batlang re nna ka yone.” Dikakgelo tse di ntseng jalo tse di molemo di tlhotlheletsa Bakeresete go ‘nna le boitshwaro jo bo molemomogolo’ e le gore batho ‘ba tle ba galaletse Modimo ka ntlha ya ditiro tse di molemomogolo tse ba leng basupi ba tsone.’—1 Petere 2:12.