LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 1/1 ts. 32
  • “Golelang Godimo Jaaka Mosedara wa Lebanona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Golelang Godimo Jaaka Mosedara wa Lebanona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 1/1 ts. 32

“Golelang Godimo Jaaka Mosedara wa Lebanona”

MO DITHABENG tse dintle tsa Lebanona go gola ditlhare tse di itsegeng e le Arz Ar-rab, mo go rayang “Mesedara ya Morena.” Ditlhare tseno tse dintle tse di agang di le ditala tse di kileng tsa bo di apesitse dithaba, di umakiwa ka makgetlo a le 70 mo Baebeleng—go gaisa setlhare sepe se sengwe.

Fa Dikwalo di tlhalosa mesedara e mentle ya Lebanona di dirisa mafoko a a jaaka “tlotlometse” le “montle.” (Sefela sa Difela 5:15; Esekiele 17:23) Setlhare sa mosedara ga se bolo go nna se dirisiwa thata mo go ageng matlo le dikepe le go dira difenitšhara ka ntlha ya bogolo jwa sone le ka ntlha ya go nnela ruri ga logong la sone. Monkgo le mmala o mohibidu wa logong lwa sone o montle tota, mme go nna ga lone le resine e ntsi go dira gore le se ka la bola le gore le se ka la tlhaselwa ke ditshenekegi. Ditlhare tseno di ditelele e bile di dikgolo, di boleele jwa dimetara di ka nna 37 le bokima jwa dimetara di ka nna 12, mme di na le metswe e e tsenelelang kwa teng thata e e nonofileng. Ga go gakgamatse go bo boradikgwa bangwe ba gompieno ba ile ba di tlhalosa e le “dikgosi tsa dimela”!

Mokwadi wa Baebele e bong Esekiele o ne a tshwantsha Mesia ka tsela ya boporofeti le kalana ya mosedara, e Modimo ka boene a e lemang. (Esekiele 17:22) Tota e bile, lefoko la Sehebera la “mosedara” le tswa mo lefokong le le kayang “go nitama.” Gompieno, balatedi ba ga Mesia, Jesu Keresete, le bone ba tshwanetse go ‘ema ba nitame mo tumelong, . . . ba [golele] pele’ jaaka mosedara o o nonofileng. (1 Bakorintha 16:13) Seno se ka fitlhelelwa jang? Ka go ema ka nitamo kgatlhanong le ditlhotlheletso tse e seng tsa Bokeresete le go itshoka ka tlhomamo mo tseleng ya bothokgami le mo boineelong jwa bomodimo. Batho ba ba dirang jalo ba tlhalosiwa mo Baebeleng e le “basiami . . . [ba ba] golelang godimo jaaka mosedara wa Lebanona.”—Pesalema 92:12, The New English Bible.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela