Lorato lo lo Fetang Lwa Mmè
BOMMÈ ba latlha masea a bone a a sa tswang go tsholwa mo diteisheneng tsa terena, mo matlwaneng a boithomelo a batho botlhe kana mo mebileng e e tlhanaselang. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba olelang matlakala ba ile ba fitlhela masea a a setseng a lapile ka ntlha ya go lelela bommaone le e leng mo mekolong ya matlakala. Go ya ka O Estado de S. Paulo, “palo ya bana ba ba phuaganngwang mo mebileng e ntse e a oketsega.” Ke boammaaruri gore mmè yo mosha yono a ka nna a ikwatlhaela seo moragonyana. Le fa go ntse jalo, o dira jalo le mororo seo se ka nna sa dira gore ngwana wa gagwe a swe.
O ka nna wa ipotsa, ‘Go tla jang gore mmangwana a tlelwe ke kakanyo ya go latlhela ngwana wa gagwe mo lefelong le a sa itseng gore go tla direga eng ka ene mo go lone?’ Baebele e dirisa dilo tse di ntseng jalo tse di botlhoko go tshwantshetsa tsela e Mmopi wa rona a ikutlwang ka teng ka batho ba gagwe: “A mosadi o ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang, gore a tle a se ka a tlhomogela ngwana wa sebopelo sa gagwe pelo? Ee, bao ba ka tla ba lebala, mme wena, le fa go ntse jalo ga nketla ke go lebala.”—Isaia 49:15.
Ee ruri, go gaisa mmè ope fela wa motho, Modimo o re rata thata e bile o supa fa a amega ka dilo tse re di tlhokang. Le fa o ka tswa o le mosha kana mogolo, le fa o ka tswa o lebane le mathata afe, ga o nosi. Mmopi wa gago o batla go go thusa e bile o batla gore dilo di go tsamaele sentle. Go ya ka mafoko a mopesalema, “[le fa] rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tla ntshola.”—Pesalema 27:10.
Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di gatisiwa lefatshe ka bophara go abela batho kitso ya “Modimo o o osi wa boammaaruri,” Jehofa, le Morwawe, Jesu Keresete, e e ka thusang batho ba ba e anaanelang go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.