“Rona Bakatoliki re ka Ithuta go le Gontsi mo go Bone”
MAFOKO ano a ne a buiwa ke morutabana mongwe wa kwa Bari, kwa Italy, a bua ka Basupi ba ga Jehofa ka nako ya fa a ne a ruta tlelase ya sekolo se segolo hisitori ya bodumedi. Morutabana o ne a boleletse tlelase ya gagwe gore o tlile go dirisa dikhasete tsa dibidio go ruta ka tsone. Fa mongwe wa baithuti e bong Roberto wa dingwaga di le 18 a utlwa seno, o ne a akantsha gore a akaretse bodumedi jwa gagwe mo motlotlong wa bone. O ne a naya morutabana bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. O ne a amogela bidio ya ga Roberto, mme tlelase yotlhe ya baithuti ba ba ka nnang 30 e ne ya bona bidio eo. Roberto o bolela jaana: “Botlhe ba ne ba kgatlhwa ke kutlwano, go nna le thulaganyo le lorato lo logolo lo Basupi ba ga Jehofa ba nang le lone. Ba ne ba gakgamala le go feta fa ba utlwa gore kgwedi le kgwedi go gatisiwa dikhopi di le dimillione tse 40 tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le di le dimilione tse 36 tsa Tsogang!”
Ba le mmalwa ba baithutimmogo le Roberto ba ne ba akgela jaana fa ba sena go bona bidio: “Ke ne ke sa akanye gore lo bodumedi jo bo nang le thulaganyo jaana.” Morutabana o ne a bolelela tlelase jaana malebana le Basupi ba ga Jehofa: “Elang tlhoko gore tumelo ya bone e ba tlhotlheletsa gore ba utlwane le go nna batho ba ba nang le thulaganyo thata jang. Rona Bakatoliki re ka ithuta go le gontsi mo go bone.” Bidio le puisano ya tlelase e e neng ya latela morago ga foo e ne ya ba thusa thata gore ba tlhaloganye Basupi ba ga Jehofa botoka.