LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 3
  • A Baruti Botlhe ba Dumela Se ba Se Rutang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baruti Botlhe ba Dumela Se ba Se Rutang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo go Jesu?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ke Eng fa o Dumela Se o Se Dumelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 3

A Baruti Botlhe ba Dumela Se ba Se Rutang?

MONNA wa mosadi yono o sa tswa go swa. Moruti wa gagwe o mo tlhalosetsa gore monna wa gagwe o ne a se molemo sentle go ka ya ka tlhamalalo kwa legodimong e bile o ne a se bosula thata go ka romelwa kwa molelong wa dihele. Ka jalo, go ya ka moruti, o sa ntse a tlhokofadiwa go fitlha a tshwanelega go ka ya legodimong. Mosadi yono o duela moruti go rapelela monna wa gagwe gore a gololwe ka bonako mo lefelong leo la tlhokofatso. Motlholagadi yono o kgotsofetse ka seno, a akanya gore moruti le ene o dumela dilo tseno tse ene a di dumelang ka pelo yotlhe.

A o akanya gore motlholagadi yono o ne a tla ikutlwa a swabile fa a ne a ka itse gore tota moruti wa gagwe ga a dumele mo tlhokofatsong ya morago ga loso? Batho ba le bantsi ba a tshwenyega fa ba utlwa gore baruti ba le bantsi ga ba dumele dilo tse dintsi tse bone ka bobone ba di rutang. Fa National Catholic Reporter e bua ka se e neng e se bitsa “bothata jwa baruti jo bogolo go feta jwa tlhakanelodikobo,” e ne ya bolela jaana: “Mo baruting ka kakaretso, go na le ba le bantsi ba ba sa tlholeng ba dumela gore Modimo o teng kana go dumela thuto ya gore go na le tuelo kana tlhokofatso kana tsogo . . . gore go sa dumele gono go aname thata mo baruting, fela jaaka mosi.”

Dikereke tse dingwe le tsone di lebane le bothata jo bo tshwanang. Canberra Times ya Australia e bega gore patlisiso nngwe e e dirilweng mo baruting ba Kereke ya Engelane e ne ya senola gore ba le bantsi “ga ba dumele dikarolo tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete tse di jaaka go tsholwa ke lekgarebana, dikgakgamatso tsa ga Jesu le go tla ga bobedi ga mesia.”

Mokwadi wa dilo tsa bodumedi e bong George R. Plagenz o ne a botsa malebana le moruti mongwe gore go tla jang gore segakolodi sa gagwe se mo letle go boaboeletsa thuto e ene ka boene a sa e dumeleng. Moruti mongwe o ne a bolela gore ene o fetola mafoko a a simololang a tumelo eo a a reng, “Ke dumela.” O ne a re: “Ke simolola mafoko ao ka go re, ‘BA dumela mo go Modimo Rara Mothatayotlhe . . .’” Plagenz o ne a re boitimokanyi jo bo ntseng jalo ke “tsietso e kgolo go gaisa tsotlhe mo nageng eno.”

Ka maswabi, go se dumele go go ntseng jalo ga baruti le go se tlhoafale go dirile gore batho ba le bantsi ba belaele bodumedi ka kakaretso. Mme seno ga se sone fela selo se gompieno se tshwentseng batho malebana le bodumedi. Batsenakereke ba le bantsi ba ile ba rutiwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo. A ba tla gakgamala go utlwa gore dithuto dingwe tsa kereke tse ba sa bolong go di dumela ga di tswe mo Baebeleng? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka sekai se le sengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela