LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/1 ts. 32
  • Matshwao a Tsela ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matshwao a Tsela ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/1 ts. 32

Matshwao a Tsela ya Botshelo

FA O ne o tsere mosepele mo tseleng e o sa e tlwaelang, a o ne o ka leba matshwao a tsela e le dikgoreletsi? Legoka! Kwantle ga pelaelo o ne o ka a tsaya e le dilo tse di go thusang go fitlha kwa o yang teng.

Mme go tweng ka go tsamaya mo tseleng ya botshelo? A motho a ka kgona go tsamaya mo go yone ka katlego kwantle ga matshwao a tsela? Moporofeti wa Modimo wa bogologolo o ne a dumalana le gore motho a ka se kgone go dira jalo. O ne a re: “Ke a itse MORENA, gore motho ga a kgone go itlhophela ditsela ka boene; e bile ga se ga motho go itlhomamisetsa tsela ya botshelo ka boene.”—Jeremia 10:23, The New English Bible.

Mme gone, re ka bona kae kaelo e re e tlhokang? Motswedi o o ikanyegang wa kaelo eo ke Mmopi wa motho, mme matshwao ao a tsela a tshwantshetso a fitlhelwa mo Baebeleng. Jehofa ka Lefoko la gagwe a re: “Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.”—Isaia 30:21.

Ee, Lefoko la Modimo le re naya kaelo e e ikanyegang mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. (Isaia 48:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Mme ka maswabi, batho ba le bantsi ba tsamaya mo tseleng ya botshelo ba sa ikaega ka kaelo ya Modimo. (Mathaio 7:13) Le fa go ntse jalo, matshwao a tsela a tlhomilwe sentle gore botlhe ba a bone! A o tla a tsaya tsia fa o ntse o sepela mo tseleng ya botshelo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela