Pego ya Baboledi ba Bogosi
Se Ikgogone mo go Rereng Dikgang Tse di Molemo
MO LOETONG lwa ntlha lwa baribolodi ba Yuropa kwa Kgogometsong ya Venezuela le Letsha la Maracaibo, ba ne ba fitlhela losi lwa teng lo tletse ka megwafatshe e e ruletsweng ka bojang e agilwe mo dikoteng mo godimo ga metsi a a seng boteng. Go ne go tshwana le Venice, ya kwa Italy, koo batho ba teng ba agang matlo go bapa le metsi. Ka gone, baribolodi bano ba ba buang Se-Spain ba ne ba bitsa lefelo leno ba re ke Venezuela, mo go rayang, “Venice e Nnye.”
Gompieno kwa nageng eno, go dirwa mofuta o mongwe wa tiro ya go aga, go aga ka tsela ya semoya. Kwa lefelong leno, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go jala peo ya Bogosi. Seno se felela ka thobo ya semoya e e dirang gore Jehofa Modimo, “Mong wa thobo” a galalediwe.—Mathaio 9:37, 38.
Fa molebedi wa potologo a ne a etetse phuthego nngwe kwa kgaolong ya Zulia kwa bokonebophirima jwa Venezuela, Basupi ba koo ba ne ba rulaganya gore ene le mogatse ba etele kwa setlhaketlhakeng se se fa gaufi sa Toas. Fa ba ntse ba le mo moleng ba letile mokoro o o tsamayang go sa le mo mosong thata go ya kwa setlhaketlhakeng seno, mosadi wa molebedi wa potologo e bong Mery, o ne a akantsha kgaitsadi wa mmulatsela wa ka metlha yo o neng a na le ene gore ba bue le bangwe ba badiri ba mo mokorong. Kgaitsadi yono wa mmulatsela o ne a dumela.
Mery o ne a atamela makheneke mongwe mme a mo tsamaisetsa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. O ne a mmontsha kgaolo ya “Go Aga Lelapa le le Tlotlang Modimo,” mme o ne a bonala a e rata thata. Go tswa foo Mery o ne a mo tlhalosetsa gore ka thuso ya buka eno a ka kgona go nna le thuto ya Baebele kwa legaeng la gagwe. O ne a amogela buka mme ga dirwa dithulaganyo tsa gore mongwe a mo etele kwa legaeng la gagwe.
Mo nakong e e khutshwane go tswa foo, go ne ga nna le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo lefelong leo. A bo go ile ga gakgamatsa Mery jang ne go bona makheneke yono e bong Rre Nava le ene a le gone, a na le mogatse le barwadie ba babedi ba babotlana! Mery o ne a botsa mogatse gore o akanyang ka thuto ya bone ya lelapa ya Baebele. Karabo ya gagwe e ne ya mo gakgamatsa thata.
O ne a re: “Ke leboga Jehofa thata go bo re ile ra ithuta boammaaruri.” Go tswa foo o ne a tlhalosa. “Ka nako ya fa o ne o kopana le monna wa me, o ne a sa tswa go ntlogela go ya go nna le mosadi yo mongwe. Gape e ne e le motho yo o nwang thata. Ka dinako tse dingwe fa a nole o ne a tle a lwe, e leng selo se batho ba setlhaketlhake sa rona se sennye ba neng ba sa se rate. Gape o ne a dirisa bodimona. Le fa go ntse jalo, kitso ya Baebele e a e bapetseng mo thutong eno e dirile gore a fetole botshelo jwa gagwe thata. O tlogetse mekgwa yotlhe ya gagwe e e maswe. Batsadi ba gagwe ba e leng Bakatoliki ba kgatlhilwe thata ke tsela e a fetogileng ka yone. Ba itumelela gore jaanong ke monna le rre yo o nang le maikarabelo.”
Rre Nava o ne a kolobediwa ka 1996 mme gone jaanong ke modiredi wa nako e tletseng. Mosadi wa gagwe e bong Jenny, o ne a kolobediwa ka 1997. Rratoropo wa motse ono o ne a kgatlhiwa thata ke tsela e makheneke yono wa mekoro a fetogileng ka yone mo le ene a ileng a kopa go rutwa Baebele. Bokgaitsadi bano ba ile ba itumela jang ne go bo ba ile ba se ka ba ikgogona mo go rereng dikgang tse di molemo ka nako ya fa ba ne ba letetse mokoro mo mosong oo!
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go rerela makheneke wa mekoro go ne ga felela ka matswela a a itumedisang