LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 29
  • “Ngangatlelang se lo Nang Naso”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ngangatlelang se lo Nang Naso”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba tla Tlhabana Nau; me ga ba Ketla ba gu Henya”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Itshoka go Tlisa Kgatelopele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Kafa o ka Itseng ka Teng Gore o Utlwe Mang
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Go Direla Kafa Tlase ga Tlhokomelo ya ga Jehofa e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 29

“Ngangatlelang se lo Nang Naso”

Setlhopha sengwe sa Basupi se ne se rera kwa go sengwe sa ditlhaketlhake tse di ka nnang 30 tsa Cyclades Islands, kwa Greece. Fa ba babedi ba bone ba ntse ba ya jalo le mmila, ba ne ba rakana le lepodise lengwe le le neng la ba laela gore ba le sale morago go ya kwa seteisheneng sa mapodise. Ka bonako fela fa ba sena go fitlha kwa seteisheneng sa mapodise, founu e ne ya lela. Go ne go founile moruti wa mo motseng oo. O ne a re: “Ga twe go na le Basupi ba ga Jehofa mo motseng.” Lepodise le ne la araba ka gore: “Ee, ke na le ba le babedi ba bone fano.” “Ke etla koo.” Bakaulengwe ba ne ba simolola go nna le dipelaelo ka ntlha ya go utlwa segalo sa lentswe la gagwe.

Le fa go ntse jalo, fa moruti a fitlha, o ne a nyenya, a ba dumedisa ka matsogo a bo a dula mo setulong go bapa le lepodise. Fa motlotlo o ntse o tsweletse, lepodise le ne le tla le tatalala fa moruti ene a ile a nna a ritibetse e bile a le pelonomi. O ile a raya lepodise a re le se ka la tlhaetsa Basupi matlho, a bo a oketsa ka gore: “Ba kgona go araba potso nngwe le nngwe fela ka gonne ba thapisiwa ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Ga go sepe se se ka kgonang go reketlisa tumelo ya mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

Letsatsi le le latelang fa bakaulengwe bano ba ntse ba rera, ba ne ba kopana le moruti yono gape mme ba ne ba mmotsa jaana: “Ke eng fa o ne o le botsalano jaana fa re ne re le kwa seteisheneng sa mapodise?” Moruti yono o ne a ba bolelela gore o ne a tlwaelane le Basupi ba le bantsi ba kwa Syros le gore o na le dingwaga di le dintsi a bala Tora ya Tebelo le Tsogang! Tota e bile, o ne a tle a tseye Tora ya Tebelo ka makgetlho a sekae, a e fitlhe mo faeleng ya gagwe a bo a e dirisa mo therong ya gagwe kwa kerekeng. O ne a akgela jaana: “Ga ke dumele gore ke ne nka kgona go tshela kwantle ga go dirisa dikgatiso tsa lona. Ke sone se se nthusang seo.”

Moragonyana moruti yono o ne a raya Basupi a re: “Ke rata go lo bolelela sengwe. Ngangatlelang se lo nang naso. Lo se ka lwa bo lwa dira phoso ya go se tlogela. Se ke lo rayang sone gone jaanong ke thero e e gaisang tsotlhe tse nkileng ka di rera mme ga ke bue fela; ke bua jalo ka pelo ya me yotlhe.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela